Mogokgo wa sekolo potlana sa Matlape o betswe thoko mabapi le ditatofatso tsa go tsaya pipa-molomo go morutabana


Ka BAKANG MOKOTO

29 Phatwe 2024- Lefapha la Thuto mo Bokone Bophirima, le beile mogokgo wa sekolo potlana sa Matlape kwa Coligny kwa thoko go simolola ka 23 Phatwe 2024. Lefapha le tlhalositse fa tshwetso eno, e ne ya dirwa morago ga gore go begwe fa mogokgo wa sekolo se, a amogetse pipa-molomo ya go thapa morutabana.

Mokhuduthamaga wa Lefapha la Thuto mo Bokone Bophirima, Viola Motsumi are tiragalo e, e diragetse morago ga kgang e e tshwanang le eno kwa sedikeng sa Dr Kenneth Kaunda, koo mookamedi wa kgaolo le mogokgo wa sekolo ba neng ba tlosiwa mo tirong. Motsumi o rotloetsa badiri botlhe go bega ditiragalo tsa bobodu.

“Mo boemong jwa lefapha leno, ke ikuela go mongwe le mongwe go begela lefapha ka ditiragalo dingwe le dingwe tsa bonweenwee tse di dirwang. A molao o diragatswe go batho botlhe ba ba amegang mo ditiragalo tsa bonwenwe.

“Bokaedi jwa badiri bo tla tswelela ka thulaganyo ya kgalemo, le go tlhomamisa ka botlalo gore ditatofatso tsotlhe di a batlisisiwa le go sekasekwa,” Motsumi wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com