Porojeke ya kago ya tsela kwa Itireleng ya tswelela


Ka OBAKENG MAJE

Baagi ba motse wa Itireleng gaufi le Taung ba tlhalositse fa ba tla re ke dipitsi, ba tla di bona ka mebala. Seno se tla morago ga kopano ya bone le kantoro ya tonakgolo mo Bokone Bophirima, Lefapha la Ditsela le Ditirelo, ga mmogo le kemedi go tswa kwa masepaleng o mogolwane wa Taung mo letsatsing la maabane. 

Mongwe wa baeteledipele wa baagi, Itumeleng Pholo are kopano e, ene ele mabapi le porojeke ya kago ya tsela e golaganyang motse wa bone le tsela-kgolo ya N18. 

Mo malobeng, baagi ba ile ba bolotsa mogwanto le go parega ditsela, mme ba ipelaetsa ka thebolo e bokoa ya ditirelo. Baagi ba, kaile fa masepala one wa ba tshepisa go ba agela tsela, fela go ile ga nna le go ngodiega mo tirong eo. 

Fela, go ile ga nna le tumalano magareng ga kantoro ya ga tonakgolo, Lefapha la Ditsela le Ditirelo, ga mmogo le masepala o mogolwane wa Taung gore ba tla kopanela kago e ya tsela.

Mo letsatsing la maabane, baagi ba ile ba itumela fa ba bona kgorogo ya ditene, ga mmogo le dilwana tse di tlileng go aga tsela.    

“Le fa maikutlo a baagi a sentse a le kwa tlase, re amogela go tlisiwa ga ditene, ga mmogo le dilwana tse di agang tsela. Fela, e tla re re re ke dipitsi, re tla di bona ka mebala. Mo letsatsing la maabane, go nnile le kopano, mme dikemedi go tswa kwa kantorong ya ga tonakgolo, Lefapha la Ditsela le Ditirelo, ga mmogo le masepala o mogolwane wa Taung, ba ne ba tsenetse kopano eo. 

“Tumelo ke gore mafelo a beke, go tla tlisiwa disamente. Kantoro ya ga tonakgolo e tlhalositse fa e setse ele nako e telele go ntse go ngodiega. Jaanong jaaka baagi, re beile tshepo ya rona fela fa re ka bona sengwe se direga.  Ga re batle go isa maikutlo magoletsa pele ga mokoko o lela,” Pholo wa tlhalosa. 

Kgabagare, meyara wa nama o sa tshwere kwa masepaleng o mogolwane wa Taung, Itumeleng Maribe are: “O tla gopola gore mo malobeng, baagi ba ile ba bolotsa mogwanto o mo go one ba neng ba ipelaetsa kgatlhanong le thebolo e bokoa ya ditirelo. Mme Lefapha la Ditsela le Ditirelo, Katoro ya Tonakgolo, ga mmogo le masepala o mogolwane wa Taung, re ile ra tsaya tshwetso ya go ka kopanela porojeke e, mme re agele baagi tsela. 

“Re a tlhaloganya gore baagi ba nnile le nako e telele ba ntse ba tshepisitswe tsela. Fela, seo se ile sa tlholwa ke gore go ne go sena lefapha lepe le leneng le ikarabela mo tseleng eo, gonne masepala one o tlhaloganya fa tsela eo e sa wele mo go one.”

Maribe are ba ile batla ka toga-maano morago ga gore Lefapha la Ditsela ga mmogo le Ditirelo le lone le tlhalose fa tsela e, e sa wele mo go bone. Are jaaka ele puso ele nngwe, ba ile ba dumalana fela ka bongwe jwa pelo gore ba tla kopanela porojeke e. 

“Porojeke e ya tsela, e tlile go unngwela baagi ka go tlhola ditiro. Jaanong re itumeletse gore kago ya tsela e tlile go tswelela ntle le kgoreletshego. Ditene tse di tlileng go dirisiwa mo kagong ya tsela di setse di gorogile,” Maribe wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com