Makwalo-itshupo a thopilwe kwa mafelong a adimisanang madi go se mo molaong kwa Hartswater


Ka OBAKENG MAJE 

Lephata la sepodise la bosinyi jo bo rulagantsweng le le itsegeng ka the Hawks kwa Kapa Bokone, le ikuela go baagi kwa Pampierstad, le metse e mabapi go kaya go tsaya makwalo-itshupo a bone kwa seteisheneng sa sepodisi sa Pampierstad. 

Seno se tla morago ga gore diphakalane jaaka the Hawks di itsege, ba puruputshe dikgwebo tse di adimisanang madi tse di seng mo molaong kwa Hartswater. Sebueledi sa the Hawks mo Kapa Bokone, Lieutenant Col Tebogo Thebe are, dikgwebo tse di amegileng ke Quick Cash Loans, Tswaro Charlotte April, Betty Mogomotsi Mosala le Pankie Puseletso Phepheng ko Sakhile Section kwa Pampierstad.

“Mapodisi a tlile go nna kwa seteisheneng sa Hartswater go tloga ka di 20-24 Motsheganong 2024. Mapodisi a tla neelana ka makwalo-itsupo fela go beng ba one,” Thebe wa tlhalosa. 

taungdailynews@gmail.com