Dipatlisiso ditsweletse morago ga go tlhokafala ga lesea


Ka OBAKENG MAJE

17 Seetebosigo 2025- Sepodisi sa Taung se tlhalositse fa se boloditse dipatlisiso morago ga go tlhokafala ga lesea kwa motseng wa Nommer 1, gaufi le Taung. Go begwa fa lesea le la dikgwedi di le pedi, le ile la tabogisetswa kwa kliniking morago ga go itemogela mathata a go hema, fela la fitisetswa kwa Taung District Hospital ka ntlheng ya go gatelelwa.

Sebueledi sa sepodisi mono porofenseng ya Bokone Bophirima, Mokaptein Mpho Manyoba, o a leng bohitlha ka kgang e, ebile a sa neelanang ka ditlha tse di feletseng are, lesea leo, le tsetswe ka di 2 Motsheganong 2025. Manyoba are lesea le, le ile la isiwa kwa bookelong go bona thuso ya potlako.

“Dipatlisiso di tsweletse, fela ga gona ope o tshwerweng go fitlha ga jaana,” Manyoba wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com