

Ka OBAKENG MAJE
18 Sedimonthole 2024- Lekgotlha-tsamaiso la sekolo se se potlana sa Motswedi Thuto, gaufi le motse wa Magogong, mono Taung, le ikuela go Lefapha La Thuto kwa Kapa Bokone, go ka batlisisa botsukunape kwa sekolong.
Se se tla morago ga ditatofatso tsa gore madi a sekolo a lekanyediwang go feta milione a nyelele, mme go sa itsiwe gore a ile kae.
Modulasetilo wa lekgotlha-tsamaiso la sekolo, Kealeboga Sebe, o latofatsa mogokgo, Victor Nkukane, ga mmogo le tlelaka ya sekolo, Connie Monnahela ka go nna bofitlha. Sebe are ba lobaka ba ikuela go botsamaisi jwa sekolo go ka ba neela dikarabo, fela maiteko a bone a iteile sefololetsa.
“Re itemogetse matsapa a le mantsi kwa sekolong jaaka go latlhegelwa ke madi. Ka di 24 Phukwi 2024, re ne ra tsenela kopano ya sekolo jaaka lekgotlha-tsamaiso, ga mmogo le botsamaisi.
“Mme kwa kopanong eo, re ile ra itsisiwe fa madi a sekolo ene ele R1 370 000.00. Fela re ile ra makadiwa ke gore fa dikolo di bulwa, re ile ra itsisiwe fa go setse R135 000.00,” Sebe wa tlhalosa.
Sebe are ba ile ba leka go botsa botsamaisi jwa sekolo gore madi ao a ile kae, fela ga ba ka ba bona dikarabo. Sebe are se ba se tlhaloganyang ke gore, madi a sekolo ga a tswe fa dikolo di tswadilwe.
“Se se botlhoko ke gore kgwedi le kgwedi go tswa madi a kanang ka R2000 mo polokelong ya sekolo, mme ga re itse gore a ya kae. Ke tlhaloganya gore jaaka lekgotlha-taolo la sekolo, modulasetilo ga mmogo le motshwara-matlotlo, ke bone ba ba tshwanetseng go ka dira ka letlole la sekolo.
“Fela go fitlha ga jaana, botsamaisi jwa sekolo ga bo botla gore re itsise sepe ka letlole leo. Bonyenyane jo re bo fitlhelelang ke go goga setlankana sa dichelete (statement) fela,” Sebe wa tlhalosa.
Are ga ba letlelelwa go ka nna karolo ya setlhopa se se tsayang ditshwetso mo tirisong ya madi kwa sekolo. Gape Sebe are, gona le madi a ntshiwang mme go begwe fa ele a go feba baithuti.
“Mo bekeng ba kgona go ntsha madi a kanang ka R48 000. Seo se bakile kgotlhang magareng ga lekgotlha-taolo le botsamaisi jwa sekolo. Gape, bothata jo re bo itemogetseng ke gore, botsamaisi jwa sekolo bo setse bo dirisa maina a maloko a maloba a lekgotlha-taolo la sekolo a aneng a tlhopiwa ka 2015, le ba sa tlhole ele maloko.
“Batho bao kgale ba ne ba tswa mo ditilong tseo. Fela re tlile go lwantsha botsukunape jo bo diragalang kwa sekolong. Re kgona go tsena kopano le botsamaisi, mme re dumalane, fela o tla be o bona ba setse ba fetogile mme ba itirele fele jaaka ba batla,” Sebe wa tlhalosa.
Kgabagare, sebueledi sa Lefapha La Thuto kwa Kapa Bokone, Geoffrey van de Merwe are, lefapha le boloditse dipatlisiso mo kgannyeng e.