Monna wa motswa-kwa latofadiwa ka petelelo 


Ka OBAKENG MAJE 

26 Mopitlwe 2025- Sepodisi sa Afrika Borwa mono Taung, se tlhalositse fa se batlisisa kgetsi ya petelelo. Se, se tla morago ga dipego tsa gore lekgarebe la dingwaga di le 21, le leneng le dira kwa lebenkeleng lengwe kwa toropong ya Taung, le betelelwe. 

Go begwa fa lekgarebe le, le beteletswe ke mothapi wa lone wa motswa-kwa. 

Sebueledi sa sepodisi mo porofenseng ya Bokone Bophirima, Colonel Adele Myburgh are: “Go begwa fa tiragalo e, e diragetse ka letsatsi la Tshipi. Ga gona o tshwerweng go fitlha ga jaana.”

Kgabagare, ba South African National Civic Organisation (SANCO) mono Taung, ba kaile fa ba tla etela lebenkele leo, le go lekola fa le ikwadisitse se mmuso, kgotsa beng ba lone ba tsene mo nageng ya Afrika Borwa go le maleba. 

Modulasetilo wa SANCO mo kgaolong ya Taung, Joseph Tanyane are: “Re utlwile ka yone ntlha e, mme ga ya re tsaya sentle gotlhelele. Re ikuela go bo kgaitsadi ba rona gore ba ikele tlhoko, gonne bone ba ya go dira kwa dikgwebong tsa batho ba, ba re ba ile go leka botshelo. 

“Fela kwa bofelong, ba feleletsa ba betelelwa. Baagi ba rona ga ba sireletsega. Re utlwile gotwe mmelaelwa o setse a leletswe ke ditshipi. Se se makatsang ke gore go begwa fa lebenkele leo le tsweletse go dira ekare ga gwa diragala sepe.” 

Tanyane are ba tlile go etela lebenkele leo, mme ba tla be ba patilwe ke sepodisi, Lefapha la Merero ya Selegae, ga mmogo le Lefapha la Boitekanelo. 

taungdailynews@gmail.com