Babelaelwa ba babedi ba tlhagelela kwa kgotlhatshekelo mabapi le polao ya ga Boingotlo Makaota  


Setshwantsho: Lekgarebe le le bolailweng, Boingotlo Makaota/Facebook  

Ka OBAKENG MAJE

13 Ferikgong 2025- Banna ba le babedi ba di ngwaga di le 27 le 40, ba solofetswe go tlhagelela kwa Kgotlha-tshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno. Se se tla morago ga go golagangwa le polao ya lekgarebe la dingwaga di le 16, kwa motseng wa Matlhako 2, gaufi le Pudimoe.

Go begwa fa setopo sa ga Boingotlo Makaota, se bonwe kwa lebitleng le le seng boteng kwa nageng kwa motseng wa Matlhako 2 ka Labotlhano. Sepodisi se begile fa Makaota a ka tswa a bolailwe ka Labone bosigo.

Go ya ka moagisani wa mmelaelwa wa dingwaga di le 40, one a utlwa segajaja sa lekgarebe mo bosigong jwa Labone kwa ntlung ya mmelaelwa o. Go begwa fa moagisani o, gape a tlhalositse fa a ne a bona mmelaelwa ga mmogo le ditsala tsa gagwe ba kgorometsa kereibaye e go bontshang fa ene e pegile sengwe mo teng mo mosong wa Labotlhano.

Sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are: “Sepodisi se ile sa tswa letsholo, mme seo se ile sa lebisa kwa go epololweng ga setopo sa lekgarebe.

“Go begwa fa setopo seo, sene se thatilwe ka kobo, mme moswi one a supiwa ke ba lelapa la gagwe. Dipatlisiso di shupa fa setopo sa ga Makaota, se ne se na le dintho mo tlhogong, mo diropeng ga mmogo le mo maotong.”

Mokgwabone are dipatlisiso di ile tsa bolodiwa kwa lelapeng la mmelaelwa wa dingwaga di le 40, mme diaparo tsa moswi di ile tsa fitlhelwa teng. Mokgwabone are, mmelaelwa o tshwerwe ka Lamatlhatso morago ga go ineele kwa sepodising.

“Monna o, o ile a isiwa kwa sepodisi ke morwa rragwe, mme one a tshwarwa. Sepodisi se ile sa botsolotsa monna mongwe o bonweng a tsamaya le mmelaelwa fa a ne a kgorometsa kereibaye, mme le ene o ile a lelelwa ke ditshipi,” Mokgwabone wa tlhalosa.

Mokomishinara wa Sepodisi wa nama o sa tshwere mo Bokone Bophirima, Major General Patrick Asaneng, o kgadile ka bogale tiragalo e. Asaneng are polao eo ya go tlhorontshiwa ga bong e kabo e efogilwe fa baagi ba ne ba le malala-a-laotswe.

Kgabagare, modula-setilo wa mokgatlho wa baagi wa South African National Civic Organisation (SANCO) mo Taung, Joseph Tanyane are: “Re utlwile ka tiragalo eo, mme re tlhabilwe ke ditlhong thata. Re dira boikuelo go makgarebe a atlhogang gore ba itlhokomele thata jang mo makawaneng a tlang kwa morago a.

“Ko bofelo, ba feleletsa ba ba tseela matshelo, mme re ba rotloetsa thata gore ba itlhokomele. Re leboga sepodisi sa rona sa Afrika Borwa gore ka se sebaka ba be ba setse ba tshwere babelaelwa. Ba dira tiro entle go baagi ba rona.

“Re romela matshidiso go ba lelapa la ga Makaota gore ba beye tshotlhe fa pele ga Modimo, gonne ke ene fela o a itseng.”

taungdailynews@gmail.com

Monna o latofadiwang ka go bolaya lekgarebe la kwa Pudimoe o tshwerwe


Setshwantsho: Moswi, Boingotlo Makaota/Facebook

Ka OBAKENG MAJE

12 Ferikgong 2025- Monna wa dingwaga di le 40, yo o latofadiwang ka go bolaya mosetsanyana wa dingwaga di le 16, kwa motseng wa Matlhako 2, gaufi le Pudimoe o tshwerwe. Se se tla morago ga gore setopo sa ga Boingotlo Makaota , se bonwe kwa lebitleng le le seng boteng kwa nageng kwa motseng wa Matlhako 2 mo letsatsing la Labotlhano.

Sepodisi se begile fa Makaota a ka tswa le bolailwe ka Labone bosigo.

Go begwa fa moagisani wa mmelaelwa, a ile a begela sepodisi fa a utlwile segajaja sa lekgarebe mo bosigong jwa Labone kwa ntlung ya mmelaelwa. Go begwa fa moagisani o, a tlhalositse fa gape a ne a bona mmelaelwa ga mmogo le ditsala tsa gagwe ba kgorometsa kereibaye e go bontshang fa ene e pegile sengwe mo teng mo mosong wa Labotlhano.

Sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are: “Sepodisi se ile sa tswa letsholo, mme seo se ile sa lebisa kwa go epololweng ga setopo sa lekgarebe mo letsatsing la gompieno.

“Go begwa fa setopo seo, sene se thatilwe ka kobo, mme moswi one a supiwa ke ba lelapa la gagwe jaaka Boingotlo Makaota. Dipatlisiso di shupa fa setopo sa ga Makaota, se ne se na le dintho mo tlhogong, mo diropeng ga mmogo le mo maotong.”

Mokgwabone are dipatlisiso di ile tsa bolodiwa kwa lelapeng la mmelaelwa, mme diaparo tsa moswi di ile tsa fitlhelwa teng. Mokgwabone are, mmelaelwa o tshwerwe mo letsatsing la maabane morago ga gore a ineele kwa sepodising.

“Monna o, o ile a isiwa ke morwa-rragwe kwa sepodisi, mme a tshwarwa. Sepodisi se ile sa botsolotsa monna mongwe o bonweng a tsamaya le mmelaelwa fa a ne a kgorometsa kereibaye,” Mokgwabone wa tlhalosa.

Kgabagare, Mokomishinara wa Sepodisi wa nama o sa tshwere mo Bokone Bophirima, Major General Patrick Asaneng, o kgadile ka bogale tiragalo e. Asaneng are polao eo ya go tlhorontshiwa ga bong e kabo e efogilwe fa baagi ba ne ba le Malala-a-laotswe.

taungdailynews@gmail.com