
Ka OBAKENG MAJE
19 Lwetse 2024- Batsadi ba bana ba le babedi ba ba ileng ba timela kwa motse-setoropong wa Boitumelong, kwa Bloemhof, ba ikuela go sepodisi go ka tsenya marapo dinameng go ba thusa go bone bana ba bone ba ba nyeletseng. Rethabile Tshabadira (3) le Matseleng Nteta (7), ba ile ba nyelela ka ngwaga wa 2017, fa ba ne ba ile kwa lebekeleng go ya go reka dimonamone. Fela, le go fitlha ga jaana, ga go itsiwe kwa ba leng teng.
Mmagwe Matseleng, eleng Maria Motlalepula Nteta (35), are o tshelela fela mo khutsafalong, gonne a sa itse gore ke eng se se jeleng ngwana wa gagwe. Go ya ja Nteta, sepodisi ga se dire ka botlalo go ka ba thusa go batlana le bana ba bone ba ba latlhegileng.

“Go bua nnete fela ga re a itumela ka mokgwa o sepodisi se dirisanang le rona mo go batleng bana ba rona ba ba timetseng. E sale re nyeleletswe ke bana, ga se re utlwe sepe go tswa kwa go bone le go re itsise gore dipatlisiso di tsamaya kae.
“Ngwanake o nyeletse ka ngwaga wa 2017, le go fitlha ga jaana ga gona mokgwasa ope. Ke ne ikuela go mongwe le mongwe o a ka tswang ana le motlhala ka go nyelela ga bana ba rona go re loma tsebe. Go botlhoko go nyelelelwa ke ngwana, mme o sa itse gore o lefatshe kae,”Nteta wa tlhalosa.
Nteta are go tla nna botokwa fa a ka fitlhelela marapo a ngwana wa gagwe fa ele gore o bolailwe, gonne o tla itlhobogela. Are ga bone boroko, mme o dula a tlhontse thata jang fa ele letsatsi la ga Matseleng la matsalo.
Go begwa fa mmemogolo wa ga Rethabile, eleng Lenah Tshabadira, ene a setse a iketse badimong ntle le go itse gore go ka tswa go diragetse eng ka setlogolo sa gagwe.
Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are: “Go fitlha ga jana, ga gona bopaki bope jo bo ka thusang sepodisi go ka bona bana bao, ba ba latlhegileng. Motlhala mongwe le mongwe o sepodisi seneng se o setse morago, ga wa nna le maungo a namatshang.
“Re le sepodisi, re ikuela go batsadi go ka itsise sepodisi ka go timela ga mongwe wa lelapa ka bonako jo bo kgonagalang. Seo se tla thusa sepodisi gore se latele motlhala mongwe le mongwe ka bonako, mme ba tshware babelaelwa kgotsa ba bone mong wa lelapa o timetseng.”
Van Rooyen are ga gona seelo se se beilweng go ka bega motho o timetseng. Are fela fa ba lelapa ba belaela gore mongwe wa bone a ka tswa a timetse, ba tshwanetswe ke go itsise sepodisi.
“Go botlhokwa go ka itsise maloko mangwe a lelapa fa ba tsaya leeto, mme ba tlhalose gore ba go boa leng. Re ikuela go baagi go se tsamae ba le nosi mo lefifing, kgotsa mo ditulong tse go senang batho ba le bantsi teng,” van Rooyen wa tlhalosa.