Kgetsi ya polao le maiteko a polao e buseditswe morago


Ka OBAKENG MAJE

25 Phatwe 2025- Kgetsi ya polao le maiteko a polao kgatlhanong le molatofadiwa, Lazarus Lito Anthonio (27), e buseditswe morago ke kgotlha-tshekelo ya Temba mo letsatsing la gompieno go fitlha fa Lwetse a tlhola matsatsi a le 5. Se, ke go neela sepodisi nako ya go netefatsa dintlha dingwe pele ga molatofadiwa a ka dira kopo ya semmuso ya beile.

Go begwa fa Antonio a ile a tlhaba le go bolaya mokapelo wa gagwe wa maloba, Kgaugelo Marota (20) le go gobatsa mokapelo wa gagwe wa ga jaana ka go mo tlhaba ka thipa.

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Colonel Adele Mybugh, setopo sa ga Marota se se neng sena le dintho tsa go tlhabiwa, se bonwe se rapaletse kwa mmileng gaufi le ntlo e rekisang nnotagi e bidiwang Dubai kwa motseng wa Carousel View, gaufi le Maubane ka Labone bosigo. Myburgh are ba thuso ya potlako ba ile ba biletswa kwa lefelo la tiragalo, fela ba ile ba shupa fa Marota a setse a balelelwa le badimo.

“Sepodisi se ile sa tswa letsholo le go batlana le mmelaelwa mo kgetsing e. Go begwa fa mmelaelwa a ile leba kwa le lapeng la gagwe morago ga tiragalo e, mme a fitlha a tlhaba lekgarebe la gagwe ka thiba. Lekgarebe leo, le ile la rwalelwa kwa bookelo go bona thuso ya potlako.

“Mmelaelwa one a tshwarwa ka Labotlhano mo mosong, mme o lebagane le ditatofatso tsa go bolaya le maiteko a polao,” Myburgh wa tlhalosa.

Kgabagare, mokomishinara wa sepodisi wa nama o sa tshwere mo Bokone Bophirima, Major General Patrick Asaneng are sepodisi se tla netefatsa fa se nna le kgetsi e kwenneng kgatlhanong le molatofadiwa.

taungdailynews@gmail.com