Kgetsi ya polao kgatlhanong le monna wa kwa Khibitswane e buseditswe morago


Ka KEDIBONE MOLAETSI

27 Motsheganong 2025- Kgetsi ya polao kgatlhanong le monna wa dingwaga di le 47, e buseditswe morago ke kgotlhatshekelo ya sedika ya Taung mo letsatsing la maabane go fitlha Seetebosigo a tlhola matsatsi a le 17 go tsweletsa dipatlisiso.

Go begwa fa molatofadiwa, Kabelo Mogongwa, a ile a tshwarwa morago ga dipego tsa gore o thuntsitse lekgarebe la gagwe, Tsholofelo Nde Emphukile (38). Go begwa fa lekawana le, le lekgarebe la gagwe, ba ne ba dula botlhe kwa phaphosing e e hirilweng kwa motseng wa Khibitswane, gaufi le Taung.

Go ya ka sebueledi sa maloba sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Mokaptein Aaftje Botma, moagisani wa monna o, o ile a tlhalosetsa sepodisi fa baratani ba, ba gorogile ka ura ya bongwe mo mosong, mme go ile ga tsoga tlhatlharuani ma gareng ga bone.

“O kaile fa a utlwile modumo wa sethunya. Sepodisi se ile sa biletswa kwa lefelong la tiragalo, mme se ile sa fitlhela moswi mogare ga bophadiphadi jwa madi.

“Sepodisi se ile sa tshwanelwa ke go shaga burglars gore ba kgone go tsena mo ntlung. Molatofadiwa o ile a tshwarwa, mme one a ganelwa ka beile,” Botma wa tlhalosa.

Kgabagare, sebueledi sa lelapa la moswi, Medupe Emphukile are: “Re utlwisitswe botlhoko ke tiragalo e, mme ga ke itse gore a kgolagano ya moswi le molatofadiwa kgale e na le mathata.

“Kgale ba dula ba le babedi kwa Khibitswane, mme Tsholofelo ene kgale a tla fela fa etile kwa lapeng kwa Cokonyane.”

taungdailynews@gmail.com

Monna o latofadiwang ka go bolaya lekgarebe la gagwe o buseditswe kwa ntlolefitshwana


Ka OBAKENG MAJE

Kgetsi ya polao kgatlhanong le monna wa dingwaga di le 47, e buseditswe morago ke kgotlhatshekelo ya Taung go fitlha ka letsatsi la di 4 Mopitlwe 2024. Kabelo Mogongwa o ne a solofetswe go dira kopo ya beile mo letsatsing la gompieno, fela mmueledi wa gagwe wa puso ga kgona go nna teng.

Go begwa fa Mogongwa a ile a tshwarwa morago ga dipego tsa gore o thuntsitse we la gagwe, Tsholofelo Nde Emphukile (38). Go begwa fa lekawana le le lekgarebe la gagwe, ba ne ba dula botlhe kwa phaphosing e e hirilweng kwa motseng wa Khibitswane, gaufi le Taung.

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Mokaptein Aaftje Botma, moagisani wa monna o, o ile a tlhalosetsa sepodisi fa baratani ba, ba gorogile ka ura ya bongwe mo mosong, mme go ile ga tsoga kgakgauthano ma gareng ga bone.

“O kaile fa a utlwile modumo wa sethunya. Sepodisi se ile sa biletswa kwa lefelong la tiragalo, mme se ile sa fitlhela moswi mogare ga bophadiphadi jwa madi.

“Sepodisi se ile sa tlhoka gore ba shage burglars gore ba kgone go tsena mo ntlung. Molatofadiwa o ile a tshwarwa, mme one a ganelwa ka beile,” Botma wa tlhalosa.

Kgabagare, rakgadiagwe moswi, Gomolemo Emphukile are: “Re utlisiwa botlhoko ke go tlhola kgetsi e buseditswe morago. Jaaka ba lelapa re kopa kgotlhatshekelo e re tseele tlhogong, gonne le ka mokgwa o kgetsi e busediwang morago ka teng ga re a itumela.

“Ba tlhalosa fa molatofadiwa a dira kopo ya beile, mme a tlhalositse fa a tlile go hudugela kwa motseng o o gaufi le Khibicwane. Seo se tlile go dira gore a dire se a se batlang mo bosigong, mme ere mo mosong a boele kwa tulong e a e kaileng. Jaanong, seo ga se baakanye sepe.”

taungdailynews@gmail.com

Monna o latofadiwang ka go bolaya kgarebe ya gagwe o solofetswe go dira kopo ya beile


Ka REGINALD KANYANE

Kgetsi ya polao kgatlhanong le monna wa dingwaga di le 47, e solofetswe go ka reediwa mo letstatsing la 26 Tlhakole 2024 kwa kgotlha-tshekelo ya Taung. Kabelo Mogongwa o solofetswe go dira kopo ya beile gone mo letsatsing leo.

Go begwa fa Mogongwa a ile a tshwarwa morago ga dipego tsa gore o thuntsitse we la gagwe, Tsholofelo Nde Emphukile (38). Go begwa fa lekawana le le lekgarebe la gagwe, ba ne ba dula botlhe kwa phaphosing e e hirilweng kwa motseng wa Khibitswane, gaufi le Taung.

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Mokaptein Aaftje Botma, moagisani wa monna o, o ile a tlhalosetsa sepodisi fa baratani ba, ba gorogile ka ura ya bongwe mo mosong, mme go ile ga tsoga kgakgauthano ma gareng ga bone.

“O kaile fa a utlwile modumo wa sethunya. Sepodisi se ile sa biletswa kwa lefelong la tiragalo, mme se ile sa fitlhela moswi mogare ga bophadiphadi jwa madi.

“Sepodisi se ile sa tlhoka gore ba shage burglars gore ba kgone go tsena mo ntlung. Molatofadiwa o ile a tshwarwa, mme one a ganelwa ka beile,” Botma wa tlhalosa.

Kgabagare, sebueledi sa lelapa la moswi, Medupe Emphukile are: “Re utlwisitswe botlhoko ke tiragalo e, mme ga ke itse gore a kgolagano ya moswi le molatofadiwa kgale e na le mathata. Kgale ba dula ba le babedi kwa Khibitswane, mme Tsholofelo ene kgale a tla fela fa etile kwa lapeng kwa Cokonyane.”

taungdailynews@gmail.com