
Ka OBAKENG MAJE
2 Lwetse 2025- Kgetsi ya go tshola leruo le go belaelwang fa le utswitswe kgatlhanong le banna ba le bararo, Tshepo Molefe (37), Rebaone Matlhoahela (33) le Boikanyo Seetelo (35), e buseditswe morago ke kgotlhatshekelo ya Klerksdorp mo letsatsing la maabane.
Kgetsi kgatlhanong le Molefe, Matlhoahela ga mmogo le Seetelo, e buseditswe morago go fitlha di 8 Lwetse 2025, fa dipatlisiso di tsweletse. Banna ba, bat la nama ba letile kwa ntlolefitshwana.
Molefe, Matlhoahela le Seetelo, ba tshwerwe mabapi le go tshola (possession) dipudi tse go belaelwang fa di utswitswe. Go begwa fa banna ba, ba tshwerwe kwa tselakgolo ya N12 kwa Klerksdorp mo bekeng e e fetileng.

Se bueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are sepodisi se ile sa longwa tsebe mabapi le go tsamaisiwa ga dipudi tse 26 tse di neng di le mo sejanageng. Mokgwabone are sepodisi se ile sa lalela banna ba, mme ba emisa sejanaga sa bone.
“Sepodisi se ile sa puruputsha sejanaga seo, mme ba fitlhela dipudi di le 26 tsa boleng jwa R50 000 mo sejanageng seo. Banna ba, ba ile ba tshwarwa morago ga go tlholega go neelana ka bopaki jwa gore dipudi ke tsa bone.
“Ba tlile go tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ya Klerksdorp ka Mosupulogo mabapi le ditatofatso tsa go tshola dipudi tse go belaelwang di utswitswe mo go bone,” Mokgwabone wa tlhalosa.
Mokgwabone are go bonala fa dipudi tseo, di ne di isiwa kwa porofenseng ya Gauteng. Mokgwabone are sepodisi se tla sala kgetsi e morago le go upulola gore dipudi tseo ke tsa ga mang.
Kgabagare, go begwa fa dingwe tsa dipudi tseo, ele tsa kwa motseng wa Manthe, gaufi le Taung.