
Setshwantsho: Poloko Sekgopi o latofadiwa ka go teketa lekgarebe lengwe/Facebook
Ka OBAKENG MAJE
Kgetsi ya go teketa kgatlhanong le monna mongwe wa mogwebi kwa Vryburg, e buseditswe morago go fitlha ka Labotlhano. Poloko Sekgopi (39) o tlhotse a shadikantse matlho kwa kgotlha-tshekelo ya Vryburg, mme seo se tla morago ga gore a latofadiwa ka dikgetsi dile pedi tsa go teketa.
Go kaiwa fa Sekgopi a ile a lelelwa ke ditshipi morago ga go bonwa mo video e tletse-tletseng mo mafaratlhatlheng a boitapoloso a teketa lekgarebe kwa Shell Garage e teng kwa Vryburg ka di 13 Phatwe 2023.
Go ya ka dipego, Sekgopi one a tsena kwa Shell Garage a hupile tedu kwa a fitlhetseng lekgarebe le teng, mme a le tlhasela. Go ya ka sebueledi sa sepodisi kwa sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen, Sekgopi one a tlhasela le motlhokomedi wa tshireletso yo oneng a leka go tsereganya.
Van Rooyen are, motlhokomedi o, le ene one a bula kgetsi ya go teketa kgatlhanong le Sekgopi.
“Ke nnete, go butswe dikgetsi dile pedi tsa go teketa kgatlhanong le Sekgopi. Mongwe wa ba ngongoregi mo dikgetsing tseno, ona le dingwaga dile 33. Sekgopi o tlhageletse ka bo ripana kwa kgotlha-tshekelo ya Vryburg mo letsatsing la gompieno.
“Dikgetsi kgatlhanong le ene di ne tsa busediwa morago go fitlha ka di 23 Phatwe 2023. Ga re itse fa bosekisi botla kopanya dikgetsi tseo, kgotsa di tla seka ka go farologana. Molatofadiwa o solofetswe go ka dira kopo ya beile,” van Rooyen wa tlhalosa.
Lekgotlha gape le ne la utlwa fa Sekgopi ane a bonwa molato mo kgetsing enngwe ya go teketa ka Motsheganong 2023. One a neelwa kotlhao ya dikgwedi dile tharo kwa kgolegelong e ene ya beelwa thoko sebaka sa dingwaga dile tlhano.
Kgetsi e buseditswe morago go fitlha ka Labotlhano, fa Sekgopi a buseditswe kwa ntlo-lefitshwana.
Kgabagare, mokgatlho wa baagi wa South African National Civic Organisation (SANCO) mo Bokone Bophirima, o kaile fa o goeletsa gore molatofadiwa a se neelwe beile ke kgotlha-tshekelo. Sebueledi sa SANCO mo porofenseng, David Xolile Kham are ba kgatlhanong le tshotlakako ya bong.
“Ke ka maswabi go bona motho wa mme a bediwa ke rakgwebo o itsagaleng go tswa kwa North World Circles. Tshotlakako kgatlhanong le bong e goeleditswe jaaka leroborobo mo Afrika Borwa. Jaanong, re rotloetsa banna ba ba dikgoka go ka thusa go aga setshaba se se tsepameng.
“A banna ba atle bomme gona le go ba teketa, kgotsa go ba bolaya. Seo se botsha fa tshotlakako ya bong e sentse ele tlhoba-boroko. Re tlile go ikuela go lefapha la katlatlelo-loago go ka netefatsa fa ba ba sotlakakiwang ba bona bosiamise,” Kham wa tlhalosa.
O kaile gape fa mokgatlho wa SANCO o tlile go sala morago tiragalo e, le go netefatsa fa ba ba molato ba rweswa maikarabelo.