Ditheetso tsa beile mo kgetsing ya petelelo kgatlhanong le motsamaisi wa kwa Boxer Liquor Store di buseditswe morago

Ka OBAKENG MAJE

20 Diphalane 2025- Ditheetso tsa beile mo kgetsing ya petelelo kgatlhanong le motsamaisi wa lebenkeleng la Boxer Liquor Store mono Taung, Tebogo Romeo Mahusi (32), di buseditswe morago ke kgotlha-tshekelo ya Taung go fitlha ka Laboraro. Mahusi one a tshwarwa le go tlhagelela ka boripana kwa kgotlhatshekelo ya Taung mabapi le ditatofatso tsa go betelela modiri wa mosadi wa teng kwa Boxer Liquor Store.

Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are tiragalo e, ke ya Lamatlhatsho motshegare kwa lebenkeleng la Boxer Liquor Store. Mokgwabone are dipatlisiso mo kgetsing e, di tsweletse.

Go begwa fa modiri wa dingwaga di le 20, teng kwa Boxer Liquor Store, a ne a tsweletse ka tiro ya gagwe ya go paka dilo fa motsamaisi a ne a mo biletsa kwa kantorong ya gagwe ka Lamatlhatso motshegare. Go begwa fa go tseneng ga bone kwa kantorong eo, Mahusi o ile a lotlela lebati la kantoro.

Go begwa fa e ne ya re fa modiri o a sentse a maketse gore go diragalang, ke fa Mahusi a mo phamola a mo atla ka nkane. Go begwa fa Mahusi a ile a mo fekeetsa ka maatla, mme a mo apola borogwe.

Go begwa fa Mahusi a ile a mo rapamisa mo tafoleng le go mo betelela a mo tlhaga kwa morago.

taungdailynews@gmail.com

Ditheetso tsa beile mo kgetsing ya petelelo kgatlhanong le motsamaisi wa kwa Boxer Liquor Store di a tswelela

Ka OBAKENG MAJE

20 Diphalane 2025- Ditheetso tsa beile mo kgetsing ya petelelo kgatlhanong le motsamaisi wa lebenkeleng la Boxer Liquor Store mono Taung, Tebogo Romeo Mahusi (32), di solofetswe go tswelela mo letsatsing la gompieno. Mahusi one a tshwarwa le go tlhagelela ka boripana kwa kgotlhatshekelo ya Taung mabapi le ditatofatso tsa go betelela modiri wa mosadi wa teng kwa Boxer Liquor Store.

Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are tiragalo e, ke ya Lamatlhatsho motshegare kwa lebenkeleng la Boxer Liquor Store. Mokgwabone are dipatlisiso mo kgetsing e, di tsweletse.

Go begwa fa modiri wa dingwaga di le 20, teng kwa Boxer Liquor Store, a ne a tsweletse ka tiro ya gagwe ya go paka dilo fa motsamaisi a ne a mo biletsa kwa kantorong ya gagwe ka Lamatlhatso motshegare. Go begwa fa go tseneng ga bone kwa kantorong eo, Mahusi o ile a lotlela lebati la kantoro.

Go begwa fa e ne ya re fa modiri o a sentse a maketse gore go diragalang, ke fa Mahusi a mo phamola a mo atla ka nkane. Go begwa fa Mahusi a ile a mo fekeetsa ka maatla, mme a mo apola borogwe.

Go begwa fa Mahusi a ile a mo rapamisa mo tafoleng le go mo betelela a mo tlhaga kwa morago.

Kgabagare, kgotlhatshekelo ya Taung, ene ya busetsa kgetsi e morago go netefatsa bodulo jwa ga Mahusi le ditheetso tsa beile. Mo letsatsing la gompieno, mosekisi o tlhagisitse fa Mahusi a ile a romelela mosadi o go begwang fa ele motswa-setlhabelo molaetsa wa SMS, mme a mo kopa gore a seka a ya go mo tshwarisa. Ditheetso tsa beile di tla tswelediwa ka letsatsi la Mosupulogo.

taungdailynews@gmail.com

Ditheetso tsa beile mo kgetsing ya petelelo kgatlhanong le motsamaisi wa kwa Boxer Liquor Store di buseditswe morago

Ka OBAKENG MAJE

16 Diphalane 2025- Kgetsing ya petelelo kgatlhanong le motsamaisi wa lebenkele la Boxer Liquor Store, Tebogo Romeo Mahusi (32), e buseditswe morago go fitlha Diphalane a tlhola matsatsi a le 20 ke kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno. Mahusi one a tshwarwa le go tlhagelela ka boripana kwa kgotlhatshekelo ya Taung mabapi le ditatofatso tsa go betelela modiri wa mosadi wa teng kwa Boxer Liquor Store.