

Ka OBAKENG MAJE
Lekgarebe le le ileng la tlhabiwa ka thipa le go bolawa la kwa motseng wa Lokgabeng mono Taung, le tlile go fitlhiwa mo letsatsing la gompieno. Go begwa fa Tshepiso Medichane (21), a ile a tlhabiwa ka thipa le go bolawa ke mokapelo wa gagwe, ka masa la letsatsi la Mosupulogo.
Sepodisi sa Taung se tlhalositse fa monna (22) o golaganngwang le polao ya ga Medichane lekgarebe a tshwerwe. Go ya ka mongwe o boneng ka matlho, lekawana le, lene la tlhabakaka lekgarebe le, mme one a tshaba mo lefelong la tiragalo fa a bona batho.
Fela, go begwa fa ba lelapa la gagwe ba ne ba mo tshwara le go mo isa kwa seteisheneng sa sepodisi sa Taung mo letsatsing la maabane.
Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are: “Ke nnete molatofadiwa mo kgetsing e ya polao o tshwerwe. Molatofadiwa one a isiwa kwa seteisheneng sa sepodisi ke ba lelapa la gagwe.
“One a na le dikgobalo, mme o ile a amogelwa kwa bookelong jwa selegae. O tla tlhagelela kwa kgotlha-tshekelo fa a setse a itekanetse. Molatofadiwa o lebagane le kgetsi ya polao, mme thipa e e dirisitsweng go bolaya moswi ene ya fitlhelwa kwa lefelong la tiragalo.”