Baagi ba kwa Mabereng ba latofatsa molekgotlha wa bone ka go isa porojeke ya tsela kwa lefelong le lengwe 


Ka BAKANG MOKOTO

Baagi ba ba shakgetseng ba kwa motseng wa Mabereng gaufi le Tlapeng mono Taung, ka latofatsa molekgotlha wa bone ka go tsaya porojeke ya tsela e e ne e tshwanetswe gore e agiwe kwa motseng wa bone, mme a e sitlhamolela kwa karolong nngwe ya Tlapeng kwa g bidiwang ew stand. 

Go ya ka baagi ba, porojeke eo ya tsela ya pavement, e ne e tshwanetswe gore e agiwe kwa motseng wa bone. Mongwe wa baagi ba baneng ba isitse lekwalo la dingongoreo kwa masepala, Lentikile Seepamere, are le mo Integrated Development Plan (IDP) ya masepala, go kwadilwe fa ba tshwanetswe ke go agelwa tsela. 

“Selelo sa rona ke gore, re lobaka re kopile puso dingwaga di feta 13 gore e re tsenyetse tsela ya pavement mo tseleng e golaganyang motse wa rona wa Mabereng le Tlapeng. Tsela eo ga e tsamaege, mme le ditekesi fa ditswa kwa toropong ya rona ya Taung, di dirisa yone tsela e. 

“Jaanong, maloba molekgotlha wa rona o biditse kopano are bolelela gore porojeke eo ya paving, e mo tseleng fela ga nkitla e tsenngwa mo tseleng e. O tlhalositse gore e tlile go isiwa kwa new stands. Jaanong, re kgakgametse gore go diragala eng, gonne mo IDP ya rona e e kwa masepala, go tlhaga leina la Mabereng,” Seepamere wa tlhalosa. 

Seepamere are ga nkitla ba letla gore ditirelo di gololwe ka leina la motse wa bone wa Mabereng, fela di be di isiwa kwa mafelong a mangwe. Seepamere are ba kopane le ba masepala, mme ba tlhalositse fa ba tlile go etela motse wa bona wa Mabereng le go tla go ba tlhalosetsa gore go diragetseng. 

Kgabagare, molekgotlha kwa masepala wa o mogolwane wa Taung, yo gape a ikarabelang ka tsa mafaratlhatlha mo komiting ya ga mayara, Itumeleng Maribe are: “Porejeke e re itseng mo masepala ke ya kwa Tlapeng. O tla gopola gore fa re tsenya porojeke tirisong, gona le dintlha tse re di elang tlhoko. Le mo Imbizo e re tswa kwa go yone jaaka masepala, re tswa go bua le baagi botlhe ba mafelo a farologaneng mo Taung, mme re ba tlhaloseditse gore diporojeke tsa ngwaga wa matlole wa 2024/2025 di tlile go tsamaya jang.  

“Tlapeng ke nngwe ya mafelo a go tshwanetsweng gore a unngwelwe mo porojekeng ya tsela. Jaanong, tsa magatwe tsone le gore gona le baagi ba ba ipelaetsang gore ekare porojeke ya tsela e eneng e tshwanetse go isiwa kwa go bone e tshotswe, ga re di itse. Fela ke bone lekwalo la dingongorego go tswa kwa baaging ba ba ipelaetsang.” 

Maribe are ba tlile go kopana le baagi bao ba ba ipelaetsang le go ba tlhalosetsa gore ke eng se se tshwanetsweng go dirwa, gonne bona ba itse tsela eo e tshwanelwa ke go agiwa kwa Tlapeng.

taungdailynews@gmail.com