
Setshwantsho: Meiyara o montsha wa masepala o mogolwane wa Taung
Ka OBAKENG MAJE
20 Mopitlwe 2026- Meiyara o montsha wa masepala o mogolwane wa Taung, Itumeleng Maribe are ene le kabinete ya gagwe, ba tlile go tla ka toga-maano e tsha mabapi le go tokafatsa thebolo ya ditirelo mono Taung. Maribe are ba amogetse dipegelo tse di farologaneng mabapi le tlhokego ya metsi, ditsela tse di sa tsamaegeng ga mmogo le mafaratlhatlha a onetseng.
Maribe are le fa tekanyetso-kabo ya masepala e sa lekana go ka dira dilo tsotlhe ka nako e le nngwe, ba tlile go leka ka bojotlhe gore baagi ba amogela thebolo ya ditirelo e e namatshang.
“Re tlile go dirisana le mafapha a farologaneng a puso ga mmogo le ditlamo tsa poraebete. Ga jaana, re mo di puisanong le setlamo se se rebolang metsi sa Vaalharts ga mmogo le masepala wa sedika wa Dr Ruth Segomotsi Mompati mabapi le go tla ka tharabololo mo tlhokegong ya metsi.
“Jaaka keteledipele, re itemogetse gore setlamo sa Vaalharts, se na le di diriswa tsa dilori tse di kgonang go aga ditsela, mme re tlile go nna le tumalano le bone gore re dirisane mabapi le go aga ditsela tse di mogare ga metse ya rona ya Taung.
“Ntlha enngwe e kwa setlhoeng ke go ngodiega ga go agiwa ga matlo a di RDP. Ka lesego, re nnile le kopano le mokhuduthamaga wa Lefapha la Dipuso Selegae le Matlo, Oageng Molapisi mo bekeng e e fetileng mabapi le go netefatsa fa diporojeke tsa kago ya matlo tse kgale di puagantswe di tswelediwa,” Maribe wa tlhalosa.
Maribe are ba tlile go netefatsa fa letsema la Thuntsa Lerole le lone le tlisa pharologanyo go baagi. Gape Maribe are ba itemogetse kgwetlho mabapi le kgaogo e tseneletseng ya motlakase, mme ba tlile go kopana le setlamo sa Eskom, go netefatsa fa go nna le tlhaeletsano magareng ga bone le baagi.
“Baagi ba tlhagisa dintlha tse di tsepameng mabapi le ditlhokego tsa bone. Sekai, bontsi jwa basha ba rona ga ba dire, mme re tlile go netefatsa gore re ba neela bokgoni (skills) go ka dira ditiro tse difarologaneng gore ba kgone go itshidisa.
“Re tlile go kopana le meepo e farologaneng gore ba re thuse go neelana ka bokgoni jo go basha ba rona. O tla gopola gore re setse fela ka dikgwedi di le supa pele ga re tsena mo ditlhopong tsa dipuso selegae,” Maribe wa tlhalosa.
Maribe are fela ba na le tshepo ya gore ba tla kgona go fetola seemo ka nako e khutshwane. Maribe o ikuela go baagi go ka dirisana le balekgotlha ba bone kwa dikgorwaneng tsa bone maitlhomo ele go netefatsa fa dingongora tsa bone di fitlhelela masepala.
“Mongwe le mongwe o a ikutlwang ekare dingongorego tsa gagwe ga di tsewe tsie, a ka goroga kwa dikantorong tsa rona tsa masepala go tla go bona thuso,” Maribe wa tlhalosa.