
Setshwantsho: Mongwebi o itsegeng le mongwa The Meat Brother’s Pub wa maloba, Tshwaro Mangwegape

Ka OBAKENG MAJE
Mogwebi o itsegeng gape ele mong wa maloba wa lefelo le le rekisang bojalwa la The Meat Brother’s Pub, Tshwaro Mangwegape, o batla gore kgetsi ya gagwe ya polao le maiteko a polao e tshololwe ke kgotlha-tshekelo ya Taung.
Seno se tlhalositse ke mmueledi wa gagwe, Isang Nakale. Nakale are kgetsi e, e tshololwe gonne bosekisi bo tsweletse go goga dinao mo go yone.
Go ya ka Nakale, labofelo bosekisi bo ile jwa kopa magistrata gore a busetse kgetsi eno morago fa bo sentse bo emetse diteko tsa sethunya.
Nakale are, seo se feleletsa se ama molatofadiwa, gonne o senyegelwa ke madi go dula a boa-boa kwa kgotlha-tshekelo, mme go sena lepele le morago. Nakale are kgotlha-tshekelo, e tsholole kgetsi e, mme e tla busediwa fa bosekisi o itekanetse go ka tswelela ka tsheko.
Mangwegape o latofadiwa ka go thuntsa le go bolaya naledi ya kgwele ya dinao ya setlhopha sa NWU Soccer Institute, Undivile “Vila” Mdi (28) le go gobatsa tsala ya gagwe, Aobakwe Ernest Kokwe (33).
Go begwa fa Mdi le Kokwe, ba ne ba etela lefelo la The Meat Brother’s Pub mono Taung ka di 16 Sedimonthole 2023, go ya go ijesa monate. Fela go begwa fa lefelo leo le ne le tletse phetelelo.
Go ya ka dibego, Mdi le Kokwe ba baneng ba le mo gare ga lefelo leo, ba ile ba tswela kwa ntle, mme batlhokomedi ba ile ba ba lemotsha fa ba se kitla ba kgona go boela mo teng, gonne go tletse.
Go begwa fa go ile ga tsoga tlhatlharuane magareng ga Mangwegape le banna ba, gonne ba ne ba batla go tsena ka kgang. Go begwa fa Mangwegape a ile a ntsha sethunya le go thuntsa Mdi, ga mmogo le Kokwe.
Go begwa fa Mdi a ile a tlhokafalela kwa bookelo, mme Kokwe ene o ile a amogelwa le go kgaolwa leoto. Mangwegape, yo o neetsweng beile ya R5000 ke kgotlha-tshekelo kgolo ya North West, o boela kgotlha-tshekelo ka di 21 Phatwe 2024.
Kgabagare, mongwe wa baeteledipele kwa motseng wa Manokwane, Kgakololo Koji are: “Se ke tla go se netefaletsang ke gore mo nakong e e fetileng, ke kgonne go naya kgotlha-tshekelo ya Taung bopaki. Ba tshegeditse bopaki jwa gore, fa o batla gore o se ye kgolegelong mo Taung, o tshwanetse go nna le mmueledi o diphatsa.
“Jaanong, re a itse gore go diragalang. Fela jaaka kgotlhatshekelo ya Taung ene e mo ganetse ka beile, kgotlha-tshekelo kgolo ya North West kwa Mahikeng, e ne e tshwanetse gore le yone e mo ganele ka beile.”
Koji are fa kgetsi e e ka tshololwa, o ikana a sa dutle gore basimanyana batla itshupa mo banneng. Are ba tlile go lwa go fitlhelela ba rwala mmu ka sehuba, kgotsa batlile go dira sengwe gore kamoso le bona ba be ba tlile go ema fa pele ga kgotlha-tshekelo go tla go se arabela.
“Re tlile go dira seo gore le rona re ikgotsofaditse” Koji wa tlhalosa.