
Ka OBAKENG MAJE
Sepodisi sa Taung se kaile fa go sena kgetsi e butsweng morago ga magatwe a gore, go nnile le kgotshoso kwa lebenkeleng le le itsegeng le le rekisang diaparo la Mr Price kwa tikwatikweng ya marekelo ya Taung mo letsatsing la maabane.
Go begwa fa banna ba baneng ba tlhometse, ba ile ba itelekela ka lebenkele, mme ba tshwarwa badiri batshwara-kananyo pele ga ba ka tshaba ka madi a sa totobadiwang.
Fela, sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Lieutenant Col Amanda Funani are, ga gona kgetsi e butsweng, gonne go nnile le maiteko a kgothoso fela.
Kgabagare, lebenkele la Mr Price le tswetswe go fitlha ga jaana, mme bobegadikgang jwa Taung DailyNews ga bo a kgona go utlwa letlhakori la lebenkele mo kgannyeng e.
taungdailynews@gmail.com