Marapo a motho a bonwe kwa sekgweng kwa Magogong 


Ka OBAKENG MAJE 

Sepodisi sa Taung se shupileng fa se batlisisa kgetsi ya morago ga loso. Se se tla morago ga gore, go bonwe marapo a motho kwa sekgweng se se gaufi kwa motseng wa Magogong, gaufi le Taung ka Lamatlhatso. 

Mongwe wa bo maratahelele o kaile fa marapo ao, a bontsha ana le dikgwedi di balwa a ntse a le foo. Are, go ya ka pono ya gagwe ya matlho, dinama di ne di sentse di tshologile, ebile go bontsha fa moswi a ntse a ijewa ke dibatana tsa naga. 

“Re bone setlhako se le sengwe, le borogwe jo go bontshang fa ele jwa basadi, fela hempe yone e bontsha ele ya monna. Jaanong ga re itse gore a moswi ke mosadi kgotsa ke monna go fitlha ga jaana. 

“Se re se itseng ke gore, ka fa letlhakorile le la rona la Roma, ga ese re utlwe ka mongwe o nyeletse. Jaanong, re nagana gore gongwe motho o, a kane a tswa gologongwe. Ke maswabi thata gore go fitlhelwe marapo a motho, mme go seka ga itsewe gore ke mang,” Maratahelele wa tlhalosa.  

Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mosedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are, marapo ao a tla isiwa go ya go tlhatlhobiwa gore ke a ga mang (DNA analysis). 

“Go fitlha ga jaana, ga re itse gore moswi ke mang. Fela, dipatlisiso di tsweletse,” van Rooyen wa tlhalosa. 

taungdailynews@gmail.com