Ditopo di le pedi di bonwe kwa ntlung nngwe kwa Tlhakgameng, mme se sengwe se kgaotswe tlhogo


Setshwantsho: Ditopo di le pedi di bonwe kwa Tlakgameng/Facebook

Ka OBAKENG MAJE

19 Mopitlwe 2026- Go bonwe ditopo di le pedi tse di neng di setse di senyegile kwa ntlung nngwe kwa motseng wa Tlakgameng, gaufi le Ganyesa mo mosong wa gompieno. Go begwa fa ditopo tse, ele sa ngaka ya setso le monnawe.  

Go begwa fa setopo sa ngaka e ya setso, se fitlhetswe se kgaotswe tlhogo, mme baswi ka bobedi ba ne ba na le dintho tsa go kgemethiwa. Dipego di shupa fa baswi e le baagi ba kwa nageng ya Lesotho ka bobedi.

*Gobegwa fa sepodisi se setse se kwa lefelong la tiragalo, mme dintlha ka botlalo di tla latela.

taungdailynews@gmail.com