Setopo sa mosadi se bonwe kwa Ganyesa


 

Ka OBAKENG MAJE 

Sepodisi kwa Ganyesa se tlhalositse fa se batlisisa kgetsi ya polao. Se se tla morago ga gore go bonwe setopo sa mosadi wa dingwaga di le 56 mo mmileng mo letsatsing la maabane. Go ya ka dipego tse di sa totobalang, go begwa fa mosadi o a beteletswe pele a ka bolaiwa. 

Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are dipatlisiso di tsweletse. 

“Ke nnete sepodisi se batlisisa kgetsi ya polao, mme diteko tsa morago ga loso, di tla tlhalosa ka botlalo gore loso la mosadi o le tlhodilwe ke eng. Sepodisi sene sa bilediwa kwa lefelong lenngwe kwa Bakola Section kwa Ganyesa, kwa ba fitlhetseng setopo sa mosadi teng.

“Re le sepodisi, ga nkitla re kgona go netefatsa fa mosadi o a beteletswe kgotsa nnyaa, gonne seo se tla netefadiwa fela ke diteko tsa morgao ga loso (postmortem),” van Rooyen wa tlhalosa. 

taungdailynews@gmail.com