Molwetsi o tshabile kwa Joe Morolong Memorial Hospital kwa Vryburg


Ka OBAKENG MAJE

26 Sedimonthole 2025- Baagi ba kwa motsesetoropong wa Huhudi, gaufi le Vryburg, ba re ba makaditswe ke go bona molwetsi yo o neng a apere diapara tsa kwa Taung District Hospital a kaola-kaola le mebila mo letsatsing la keresemose. Baagi ba, ba tlhalositse fa monna o, a ne a sa bue sepe se se dirang tlhaloganyo, mme go bontsha e le motho a sa tseye sentle mo tlhogong.

Mongwe wa baagi o sa batleng leina la gagwe le itsewe are: “Re ile ra makala thata go bona se se diragala. Fela, re makaditswe ke gore molwetsi o, one a apere diapara tsa bookelo jwa kwa Taung, mme a le mo Vryburg. Re ile ra letsetsa sepodisi gore molwetsi o, a bone thuso.

“Dipatlisiso di shupa fa molwetsi o, a tshabile kwa bookelong jwa Joe Morolong mono Vryburg, kwa a neng a amogetswe teng. Re ikuela go balaodi ba bookelo go netefatsa fa balwetsi ba sireletsegile kwa maokelong. Ga go kgonagale gore molwetsi a tshabe kwa bookelo, mme go se nne le ope o rwalang maikarabelo.”

Kgabagare, sebueledi sa Lefapha la Boitekanelo mono porofenseng ya Bokone Bophirima, Tebogo Lekgethwane are, lefapha le ile la dira dipatlisiso, mme go bontsha fa molwetsi o, a tshabile kwa bookelong jwa Joe Morolong Memorial Hospital kwa Vryburg. Lekgethwane are go bontsha fa molwetsi o, a tshabile fa nako e ne e ka nna metsotso e le lesome morago ga ura ya bobedi mo motshegareng.

“Ditsela tse di maleba di ile tsa latelwa go ka itsise ba lelapa la molwetsi o, mabapi le go tshaba ga gagwe kwa bookelong. Sepodisi se ile sa netefatsa fa molwetsi o, a boela kwa bookelong ka tshireletsego le go tswelela go amogela kalafi.

“Molwetsi o, o amogetswe kwa lephatheng la batho ba ba sa itekanelang mo tlhaloganyong, mme ga nkitla re kgona go ntsha tshedimosetso e e fetang eo mabapi le botlhoko jwa gagwe e le go mo sireletsa. Bookelo bo boloditse dipatlisiso tsa ka mogare mabapi le go tshaba ga molwetsi o kwa bookelong,” Lekgethwane wa tlhalosa.  

Lekgethwane are dipatlisiso di tla shupa gore go diragetseng gore molwetsi o a tshabe kwa bookelong. Lekgethwane are seo se tla ba thusa gore ba netefatse fa balwetsi botlhe ba sireletsegile ka dinako tsotlhe kwa bookelong.

“Tshedimosetso e e feletseng, e tla buisanelwa le batsaya-karolo botlhe ga mmogo le ba lelapa la molwetsi o,” Lekgethwane wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Monna o tshwerwe mabapi le ditatofatso tsa maiteko a polao


Ka OBAKENG MAJE

24 Ngwanatsele 2025- Monna wa dingwaga di le 32 o solofetswe go tlhagelela kwa kgotlhatsekelo ya Vryburg mo letsatsing la gompieno mabapi le maiteko a polao. Go begwa fa mmelaelwa a tlhabile monna mongwe ka thipa mo dikgopung kwa Phola Park, gaufi le Vryburg, fa Ngwanaetsele a ne a tlhola matsatsi a le 22 mo mosong.

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are sepodisi se ile sa amogela ngongora mabapi le go tlhabiwa ga monna mongwe teng kwa Phola Park. Van Rooyen are sepodisi se ile sa ya kwa lefelong la tiragalo, mme ba fitlhela fa motswasetlhabelo a rwaletswe kwa bookelong go bona thuso ya potlako.   

“Kgetsi ya maiteko a polao e ile ya bulwa kgatlhanong le mmelaelwa. Mmelaelwa o ile a tshwarwa, mme o lebagane le kgetsi ya maiteko a polao,” van Rooyen wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Moithuti o tlhokafetse morago ga go patelediwa go taboga


Ka OBAKENG MAJE  

11 Phatwe 2025- Moithuti wa dingwaga di le 16 wa kwa sekolong se segolwane sa Huhudi kwa motseng wa Ganyesa, gaufi le Vryburg, Amantle Mocumi o tlhokafetse. Go begwa fa moithuti o wa mophato wa bo 10, mogokgo wa sekolo a ne a ba laelwa go taboga le go dukuloga lebala la metsameko la kwa sekolo go feta gararo ele mokgwa wa go ba neela kotlhao mabapi le go tswela kwa ntle ga phaphosi kwa sekolong fa kgwedi ya Phatwe ene e tlhola matsatsi ale 8.

Go begwa fa Motsumi a ne a idibala le go tlhokafala ka gangwe.

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are sepodisi sa kwa Ganyesa se butse kgetsi ya morago ga loso. Van Rooyen are dipatlisiso ke tsone di tla ba laelang gore go ka tswa go diragetse eng ka motsi wa go tlhokafala ga ga Mocumi.

“Dipatlisiso di tsweletse mo ntlheng e,” van Rooyen wa tlhalosa.

Kgabagare, Lefapha la Thuto mo Bokone Bophirima, le rometse molaetsa wa matshidiso. Lefapha le tlhalositse fa le sa itse gore go diragetse eng pele ga Mocumi a ka tlhokafala.

Mokhuduthamaga wa Lefapha La Thuto mo Bokone Bophirima, Viola Motsumi are: “Lefapha le utlwisitswe botlhoko ke go tlhokafala ga moithuti. Go ya ka dipatlisiso, go begwa fa moithuti o, a ne a tlhakatlhakana ka nako ya dithuto kwa sekolong, mme one a biletswa ambulance. Mogokgo o ile a itsitse batsadi ba ngwana ka tiragalo e.

“Mmagwe ngwana o ile a goroga kwa sekolong, mme ba emela ambulance. Go begwa fa mogokgo ga mmogo le mmagwe ngwana ba ne ba mo tabogisetsa kwa kliniking ya selegae go bona thuso ya potlako, fela o ile a tlhokafala.”

Mocumi are ba romela molaetsa wa matshidiso go ba lelapa ga mmogo le baithuti-mmogo ba moswi. Mocumi are lefapha la gagwe le tla dirisana mmogo mo dipatlisiso tse di boloditsweng.

“Re utlwile botlhoko thata ka go latlhegelwa ke moithuti o. Jaaka lefapha, re romela dithapelo go botlhe ba ba amegileng. Boitekanelo jwa moithuti ke selo se se tlang pele go rona.

“Fela mo nakong e, ga re itse gore loso la moithuti o le bakilwe ke eng. Lefapha le tla thoba ba lelapa maikutlo, ga mmogo le baithuti le badiri kwa sekolong,” Mocumi wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Mosadimogolo o shetse mo ntlung


Ka KEDIBONE MOLAETSI

8 Phukwi 2025- Sepodisi sa kwa Huhudi se tlhalositse fa se butse kgetsi ya morago ga loso. Se, se tla morago ga gore mosadimogolo wa dingwaga di le 68 a lakailwe ke molelo kwa ntlung nngwe kwa Mariri Street kwa motsesetoropong wa Huhudi, gaufi le Vryburg, mo letsatsing la Tshipi.

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are, go begwa fa ba di tirelo tsa tshoganyetso, ba ile ba tsibosiwa ka ntlo e e shang kwa motsesetoropong o. Van Rooyen are ba ile ba itlhaganelelwa koo, mme ba fitlha ba tima kgabo eo ya molelo.

“Ka maswabi, go ile fa fitlhelwa setopo sa mosadimogolo se se neng se jelwe ke molelo mo ntlung,” van Rooyen wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com