
Ka OBAKENG MAJE
Mosimane wa dingwaga di le 20 wa kwa motseng wa Maphoitsile, gaufi le Taung, o tlile go fitlhiwa mo letsatsing la gompieno. Koketso Setilo one a tlhokafala mo kotsing ya sejanaga fa a ne a thulwa ke sejanaga sa modiro wa Polo Vivo ka Lamatlhatso wa beke e e fitileng.
Setilo one a tsamaya le tsala ya gagwe, Tlotlang Maruping. Go begwa fa makawana a, ba ne ba thudiwe ke sejanaga mo tsela-kgolo ya N18, gaufi le matsenong a motse wa Maphoitsile mono Taung.
Setilo le Maruping ba ne ba palame setobetobe (bicycle) go leba kwa motseng wa Majaneng fa ba ne ba amega mo kotsing ya sejanaga.
Go begwa fa Setilo a ile a tlhokafala ka gangwe, fa Maruping a ile a bona dikgobalo tse di tsetsibanyang mmele, mme o lwelwa botshelo jwa gagwe kwa bookelong kwa Tshepong/Klersdorp Hospital Complex kwa Klerksdorp.
Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo porofenseng ya Bokone Bophirima, Lieutenant Col Amanda Funani, sepodisi se butse kgetsi ya polao ntle le maikaelelo, mme ga go ope o tshwerweng go fitlha ga jaana.
“Mokgweetsi (32) wa Polo Vivo o kaile fa a ne a tswa ntlheng ya Taung le go leba ntlheng ya Hartswater mo tsela-kgolo ya N18, fa basimanyana ba ba neng ba palame setobetobe, ba ne ba tlhaga mo matsenong a motse wa Maphoitsile,” Funani wa tlhalosa.
taungdailynews@gmail.com