
Ka OBAKENG MAJE
Sepodisi sa Taung se tlhalositse fa se batlisisa kgetsi ya kgothoso e e diragetseng kwa motseng wa Mokgareng, gaufi le Taung ka Lamatlhatso. Go begwa fa lebenkele le le bediwang kwa ga Motlhatlhwa, le kgothositswe madi a seatleng a sa totobadiwang.
Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen, go begwa fa banna ba ba neng ba tlhometse, ba ile ba itatlhela kwa lebenkele leo, mme ba shupa mong wa lona ka sethunya le go mo laela gore a ba neele madi.
“Go fitlha ga jaana, ga gona ope o tshwerweng, mme dipatlisiso di tsweletse. Ga gwa totobadiwa gore madi a tshotsweng ke bokae,” van Rooyen wa tlhalosa.
taungdailynews@gmail.com
