Monna wa kwa Lesotho o tshwere ka sethunya 


Ka BAKANG MOKOTO 

20 Motsheganong 2025- Monna wa kwa nageng ya Lesotho o tshwerwe mabapi le go tshola sethunya se se seng mo molao. Go begwa fa monna o wa dingwaga di le 53, a tshwere kwa masimo kwa motseng wa Manokwane, gaufi le Taung ka Lamatlhatso. 

Go ya ka mongwe wa baagi o sa batleng leina la gagwe le itsiwe, monna o, go belaelwa a le mo nageng ntle le ditokomane tse di maleba. Go begwa fa a ne a tshwarwa ga mmogo le bana  ba gagwe. 

Sebueledi sa sepodisi kwa sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are, sepodisi se ile sa longwa-tsebe mabapi le monna o nang le sethunya se se seng mo molao. Van Rooyen are sepodisi se ile sa bona lekwalo la go puruputsha, mme ba leba kwa lefelong le le kailweng.     

“Mmelaelwa o ile a tshwarwa ka sethunya se se seng mo molaong, mme o tlhageletse kwa kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la maabane,” van Rooyen wa tlhalosa. 

Kgabagare, go ya ka dipego tse di sa totobalang, kgetsi ya monna o gay a dula kwa kgotlhatshekelo, mme go begwa fa a tsene ka lenga la seloko.  

taungdailynews@gmail.com

Ngwana o mongwe gape o nyeletse kwa Magogong 


Ka OBAKENG MAJE 

15 Diphalane 2024- Sepodisi sa Taung se tlhalositse fa se boloditse dipatlisiso tsa go nyelela ga motho. Se se tla morago ga go nyelela ga mosetsanyana wa kwa motseng wa Modutung, gaufi le Taung ka Lamatlhatso. 

Go begwa fa Rethabile Angel Molapo (11), a ile a rumiwa go ya go tsaya seaparo sa kereke kwa gagabo, mme o ile a nyelela mo go boeng ga gagwe. 

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are, sepodisi se butse kgetsi mme dipatlisiso di tsweletse. 

“Molapo ke motho wa mmele o mosesanyane, ona le matlho a matonna, mme one a apere mosese o motala ka mmala, ebile a rwele ditekkie tsa Adidas tse dintsho fa a ne a timela. 

“Go fitlha ga jaana ga nkitla re shupa ope ka monwana, gonne ga rena dintlha. Fela, re ikuela go mongwe le mongwe o a ka tswang a mo bone, go ka itsise sepodisi ka bonako,” van Rooyen wa tlhalosa. 

Mongwe wa baeteledipele ba baagi, Kenneth Jampane are: “Tota go bua nnete, kgang e ga ya re tsaya sentle. Baagi ba utlwile botlhoko thata ebile ba tlhobaela. Re a ipotsa gore, a mme selo se e tlile go nna selo modiro. Ngwaga le ngwaga ngwana wa nyelelang. 

“Jaanong, matsapa ke gore ga re itse mokgwa o dirisiwang wa go utswa bana. Ke belaela gore tsela e dirisiwang go ka utswa bana mo motseng, ke tsela nngwe e e tletseng setegeniki sa boloi.” 

Jampane are o belaela gore mokgwa o dirisiwang ke wa boloi, gonne fa ngwana a fetsa go nyelela, baagi ba tla be ba tlolaka, ba batlana le ngwana, mme go sena motlhala. Are, fale baagi ba tla be ba itlhoboga. 

“A jaanong, re tla feleletsa re patelesega gore re dumele gore ke mokgwa o o teng wa gore ngwaga le ngwaga ngwana wa nyelela mo motseng wa rona? Fela, ga re kitla re itlhoboga mo go lwantseng mokgwa o bosula o. 

“Selo seo se maswe, ebile ga se re itumedise. Batho ba rona ba tlolaka ba ya kwa dingakeng go batla thuso, fela ga go nko e tswang lemina. Re ikuela go bagolo gore ba leke ka natla go ka tlhokomela bana, gonne re a bona gore gona le setegeniki sa boloi se se dirisiwang go ka utswa bana mo motseng,” Jampane. 

Are o ile a feleletsa a ikuetse kwa baaging gore go botokwa fa ba ka ikega ka thapelo, mme ba boele kwa Modimong gonne mmaba o eme ka dinao.     

Kgabagare, ka ngwaga wa 2022, go ile ga nyelela lekgarebe, Oratile Mothibi teng kwa Modutung, mme le go fitlha ga jaana ga ise a bonwe. 

taungdailynews@gmail.com

Marapo a motho a bonwe kwa sekgweng kwa Magogong 


Ka OBAKENG MAJE 

Sepodisi sa Taung se shupileng fa se batlisisa kgetsi ya morago ga loso. Se se tla morago ga gore, go bonwe marapo a motho kwa sekgweng se se gaufi kwa motseng wa Magogong, gaufi le Taung ka Lamatlhatso. 

Mongwe wa bo maratahelele o kaile fa marapo ao, a bontsha ana le dikgwedi di balwa a ntse a le foo. Are, go ya ka pono ya gagwe ya matlho, dinama di ne di sentse di tshologile, ebile go bontsha fa moswi a ntse a ijewa ke dibatana tsa naga. 

“Re bone setlhako se le sengwe, le borogwe jo go bontshang fa ele jwa basadi, fela hempe yone e bontsha ele ya monna. Jaanong ga re itse gore a moswi ke mosadi kgotsa ke monna go fitlha ga jaana. 

“Se re se itseng ke gore, ka fa letlhakorile le la rona la Roma, ga ese re utlwe ka mongwe o nyeletse. Jaanong, re nagana gore gongwe motho o, a kane a tswa gologongwe. Ke maswabi thata gore go fitlhelwe marapo a motho, mme go seka ga itsewe gore ke mang,” Maratahelele wa tlhalosa.  

Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mosedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are, marapo ao a tla isiwa go ya go tlhatlhobiwa gore ke a ga mang (DNA analysis). 

“Go fitlha ga jaana, ga re itse gore moswi ke mang. Fela, dipatlisiso di tsweletse,” van Rooyen wa tlhalosa. 

taungdailynews@gmail.com