Monna o nyeletseng o fitlhetswe a tlhokafetse


Ka OBAKENG MAJE

10 Sedimonthole 2025- Ba lelapa la ga Othusitse Nini Mocwiri (39) wa kwa dipolasing tsa matlhotsana, gaufi le Schweizer Reneke, ba re ba belaela fa morwa wa bone a bolailwe. Se, se tla morago ga gore setopo sa ga Mocwiri se bonwe kwa nageng.

Go begwa fa Mocwiri a ile a amogela mogala go tswa go mongwe wa tsala ya gagwe kwa polasing e gaufi gore a ye go tsaya nama ya kgomo. Go begwa fa Mocwiri a ile a adima setobetobe (bycicle) ya mongwe go ragogela kwa polasing eo.

Fela, go begwa fa a sa boela gae ka lone letsatsi leo. Go begwa fa kgarebe ya gagwe, e ile ya tlhobaetsega, mme ya leba kwa tsaleng ya ga Mocwiri o neng a mo tshepisitse nama.

Mongwe wa ba lelapa, Tebogo Gabonewe, are lekgarebe la ga Mocwiri le ile la makadiwa ke gore fa a botsa tsala ya ga Mocwiri gore o mokapelo wa gagwe o kae, one a mo laela fa a tlhokafetse. Gabonewe are e ne ya re ka go makala, lekgarebe la ga Mocwiri la kokota gape, mme a botsa tsala ya ga Mocwiri gore o raya jang fa are o tlhokafetse.

“Ke fa monna yo, a tswa ka selepe, mme a mo lelekisa. Ka Tshipi, go ile ga tla mapodisi, mme ba ile ba tlhalosa fa ba se kitla ba ya go batla Mocwiri, mme bone ba tlile go tsaya pegelo (statement) fela. Morago ga gore mapodisi a tsamaye, baagi ba ile ba tsaya tshwetso ya go tswa letsholo mabapi e le go batlana le Mocwiri.

“E ne ya re fa baagi ba tswa, ba ile ba kopana le sejanaga sa sepodisi se sengwe, mme ba se emisa. Ba ile ba neela mapodisi ao kgang e, mme ba ile ba makala ka mokgwa o mapodisi a a neng a biditswe ba tshotseng kgang e botsatsa ka teng. Mapodisi a, ba ile ba kopa dinomoro tsa tsala ya ga Mocwiri, ga mmogo le mong wa polasi e go begwang fa Mocwiri a ne a ile go tsaya nama kwa go yone,” Gabonewe wa tlhalosa.

Gabonewe are baagi ba ile ba tswelela ka letsholo-patlo la bone, mme ga ba k aba bona sepe. Gabonewe are ka Labobedi, baagi ba ile ba tswelela ka letsholo-patlo la bone.

“Fela go ya ka dipego, ba ile ba fitlhela setopo sa ga Mocwiri se rapaletse mo tseleng. Baagi ba ile ba letsetsa sepodisi, mme se ile sa tla le go ba kopa gore ba se shupe ope ka monona ntle le bopaki. Sepodisi se ile sa tlhalosa fa se belaela fa Mocwiri a lomilwe ke noga. Ba forensiki ba ile ba fitlha le go tsaya setopo sa ga Mocwiri.

“Sepodisi se tlhalositse fa se tla ntsha pegelo ya morago ga loso. Ka Laboraro, ba losika ba ile ba amogela mogala yo o supang fa pego ya morago ga loso e shupa fa loso la ga Mocwiri e le la tlholego,” Gabonewe wa tlhatlhosa.

Fela Gabonewe are ka bokhutsane, balosika ga ba kgotsofalela ka mokgwa o sepodisi se tsamaisitseng kgetsi e ka teng.

Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are: “Ee ke nnete sepodisi se a itse ka tiragalo e. Moswi o ile a begwa fa a timetse fa kgwedi ya Sedimonthole e tlhola letsatsi. Fela, setopo sa gagwe se ile sa bonwa mo letsatsing le le latelang kwa polasing nngwe.”

taungdailynews@gmail.com

Setopo sa monna se bonwe kwa molapong


Ka BAKANG MOKOTO

15 Moranang 2025- Sepodisi sa kwa motsesetoropong wa kwa Ipelegeng, gaufi le Schweizer Reneke, se boloditse dipatlisiso tsa morago ga loso. Se se tla morago ga gore go bonwe setopo sa monna o a sa itsiweng, mme go belaelwang a le magareng ga dingwaga di le 40 le 45, kwa molapong.

Sebueledi sa sepodisi mo porofenseng ya Bokone Bophirima, Colonel Adele Myburgh are, setopo seo se bonwe ke mofeti ka tsela. Myburgh are go fitlha ga jaana, ga go itsewe gore monna o, o bolailwe ke eng, fela seo se tla netefadiwa morago ga diteko tsa loso.

“Dipatlisiso di a tswelela mo kgetsing e,” Myburgh wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Motaki o ikuela go puso go ba ema nokeng 


Ka BAKANG MOKOTO

5 Mopitlwe 2025- Motaki wa kwa motse-setoropong wa Ipelegeng, gaufi le Schweizer Reneke, Oduetse Ditshwele, are o simolotse ka leeto la gagwe la botaki dingwaga di le dintsi tse di fetileng. Ditswele are le fa go se bonolo go nna motaki mo porofenseng ya Bokone Bophirima, o leka ka bojotlhe go ntsha maungo a namatshang.  

“Ke gola ke le motho o neng a rata go taka ditshwantsho. Ka 2001, ke ile ka nna karolo ya setlhopa sa Amajub-jub Threatre Club teng mo Schweizer Reneke. Setlhopa seo, se ne se diragatsa, mme moeteledipele wa sone e ne ele motaki.  

“Ke ile ka tsamaya tsela e ya botaki le ene, mme e ne ya re fa a tloga kwa lefatsheng la Schweizer Reneke go boela gagabo, ke ile ka tlogela. Fela ka 2009, ke ile ka ya kwa kholejeng go ka tsweletsa dithuto tsame. Ke ne ke dira dithuto tsa Human Resources Management, fela ga ke a kgona go di fetsa,” Ditshwele wa tlhalosa. 

Ditshwele are ka ngwaga wa 2012, o ile a boela kwa gagabo kwa Schweizer Reneke, mme a simolola ka go taka dikipa ka ntlheng ya botlhoka-tiro. Ditshwele are, one a kopana le modiri wa Lefapha la Botaki, Metsameko le Botsweletsi mo Bokone Bophirima, Keabetswe Rakgwale, o a ileng a mo thusa go ka tokafatsa talente ya gagwe. 

“Go nnile le dithuto-katiso tse ke ileng ka di tsenela. Morago ga moo, ke ile ka dira le lefapha go taka matshwao a farologaneng kwa dikolo go ralala porofense. Ga jaana, ke tsweletse go ka dira ditiro tsa go taka, le fa go le thata. 

“Go bua nnete ditiro di dintsi, fela batho ba bo rona ba gana go ntsha madi. Batho ba tshwanetse ba itse, ga go bonolo go bona dilwana tse re di dirisang go taka. Re di fitlhelela kgakala, gonne re dirisa mefuta e farologaneng ya dipente,” Ditshwele wa tlhalosa. 

Ditshwele are tlhoba-boroko enngwe ke gore bone jaaka bataki mo porofenseng, ga ba tsewe tsia. Ditshwele are fa gona le meletlo e farologaneng jaaka Mahika Mahikeng Cultural Music Festival le Taung Cultural Calabash, ga gona mo ba tsayang karolo teng. 

“Jaanong, re sentse re ipotsa gore gobaneng re lebetswe. Ke takile ditshwantsho tsa batho ba le bantsi ba ba itsegeng jaaka motlatsa-tona kwa kantorong ya ga mopresidente, Kenny Morolong ga mmogo le seopedi se se diphatsa sa mmino wa Setswana, Maausi Lekoma,” Ditshwele wa tlhalosa. 

taungdailynews@gmail.com

Maloko a Mamusa Karate Organisation a tlhoka matlole go leba kwa Japan 


Ka OBAKENG MAJE

Mokatisi gape eleng motlhami wa setlhopa sa basha se se ikatisetsang karate kwa motsese-toropong wa Ipelegeng, gaufi le Schweizer Reneke, Kabelo Seetelo are o motlotlo ka katlego ya basha ba a ba katisang. Seno se tla morago ga gore, maloko a setlhopa sa gagwe sa Mamusa Karate Organisation ale mabedi, a tlhopiwe go ya go emela naga ya Afrika Borwa kwa toropong ya Tokyo kwa nageng ya Japan ka Phukwi 2024. 

Go ya ka Seetelo, Thapelo Mandlane (12) ga mmogo le Resegofetse Seetelo (12), ba bontshitse bokgabane mo dikgaisanong tse kgale ba di tsenela tsa selegae. Seetelo are Thapelo le Resegofetse, ba ile ba tlhopiwa kwa Durban go ya go emela naga. 

“Bana ba ke ba ba fitlheletseng makgaola-kgang, mme ba ile go tsenela dikgaisano ko toropong ya Tokyo kwa nageng ya Japan ka Phukwi 2024. Jaanong jaaka setlamo, re tlhoka ketleletso ya matlole gore ba kgone go tsamaya. 

“Ba ne ba tsenetse dikgaisano kwa Klerksdorp ka Mopitlwe 2024, mme ba ile ba fenya. Seo se ile sa ba kgontsha go fetela kwa legatong le le latelang kwa Durban, mme le gone ba ile ba tlhopiwa jaaka bafenyi,” Seetelo wa tlhalosa.

Seetelo are ba tlhopilwe go tswa mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, go ya go emela Afrika Borwa kwa Japan, ga mmogo le bagaisani nabo go tswa kwa diporofenseng tse dingwe. Seetelo are ba ile ba tsenela kgaisano gape kwa motsese-toropong wa Mamelodi kwa Pretoria. 

“Le gone koo, ba ile ba fenya. Jaanong, re tshwanetse gore re tsamaye le bone ba le babedi go leba kwa Japan. Re kgaogantswe go ya ka didika tse di farologaneng, mme rona re emetse sedika sa Dr Ruth Segomotsi Mompati. Go fitlha ga jaana, re lekile go ikgologanya le mafapha a farologaneng jaaka lefapha la botaki, setso le metshameko, ga mmogo le kantoro ya tonakgolo mo porofenseng,” Seetelo wa tlhalosa.

Are ba tlhoka madi a kanang ka R119 000. Seetelo are seo se akaretsa marobalo, dijo, ga mmogo le go tsenela kgaisano go tloga ka di 16-22 Phokwi 2024. 

“Re ya go gaisana le dinaga tse di farologaneng, mme kgaisano e, e tla morago ga dingwaga di le tlhano. Re tla itumela thata fa re tla bona baetletsi ba ba tla re thusang gore re kgone go leba kwa Japan. 

“Mongwe le mongwe o anang le kgatlhego, a ka nteletsa mo dinomorong tsa 0783984037. Re tla itumela thata, gonne seo se tla rotloetsa bana ba bangwe go ka dira ka natla,” Seetelo wa tlhalosa. 

taungdailynews@gmail.com

  

Monna o bolailwe ka go tlhabiwa ka thipa kwa lefelong le le rekisang nnotagi kwa Schweizer Reneke  


Ka OBAKENG MAJE 

Sepodisi sa kwa motsesetoropong wa kwa Ipeleng, gaufi le Schweizer Reneke, se kaile fa se boloditse letsholo-patlo morago ga gore monna wa dingwaga di le 24, a tlhabilwe le go bolawa ke thipa ke monna mongwe o a sa itsiweng. 

Go begwa fa tiragalo e, ele ya letsatsi la Tshipi fa masigo as aka ura ya boraro. Go begwa fa Botshelo Maponya, a ne a amogiwa botshelo jwa gagwe kwa lefelong la selegae. Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen, dipatlisiso di tsweletse, mme ditlamorago di tla tlhalosa gore sebakwa sa polao ene ele eng. 

“Go ya ka tshedimosetso e re e boneng, motswasetlhabelo one a le kwa lefelong le go rekisiwang nnotagi fa gone ga tsoga ntwa. Go begwa fa mo ntweng eo, moswi ane a tlhabiwa ka thipa. Letsholo-patlo la mobelaelwa le tsweletse,” van Rooyen wa tlhalosa. 

taungdailynews@gmail.com