Kgetsi ya polao e buseditswe morago


Ka OBAKENG MAJE

29 Ferikgong 2025- Kgetsi ya polao kgatlhanong le banna ba le babedi ba kwa motseng wa Matlhako 2, gaufi le Pudimoe, e buseditswe morago go fitlha 4 Tlhakole 2025.

Balatofadiwa, Phemelo Maine (40) ga mmogo le Okemetse Phatlhanyane (27), ba latofadiwa ka go bolaya Boingotlo Makaota (16). Go begwa fa setopo sa ga Makaota, se bonwe kwa lebitleng le le seng boteng kwa nageng kwa motseng wa Matlhako 2.

Go ya ka moagisani, one a utlwa segajaja sa lekgarebe mo bosigong jwa Labone kwa ntlung ya ga Maine. Go begwa fa moagisani o, gape a tlhalositse fa a ne a bona Maine ga mmogo le ditsala tsa gagwe ba kgorometsa kereibaye e go bontshang fa ene e pegile sengwe mo teng mo mosong wa Labotlhano.

Sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are: “Sepodisi se ile sa tswa letsholo, mme seo se ile sa lebisa kwa go epololweng ga setopo sa ga Makaota.

“Go begwa fa setopo seo, sene se phuthetswe ka kobo, mme moswi one a supiwa ke ba lelapa la gagwe. Dipatlisiso di shupa fa setopo sa ga Makaota, se ne se na le dintho mo tlhogong, mo diropeng ga mmogo le mo maotong.”

Mokgwabone are dipatlisiso di ile tsa bolodiwa kwa lelapeng la ga Maine, mme diaparo tsa moswi di ile tsa fitlhelwa teng. Mokgwabone are, Maine o tshwerwe ka Lamatlhatso morago ga go ineele kwa sepodising.

“Monna o, o ile a isiwa kwa sepodisi ke morwa rragwe, mme one a tshwarwa. Sepodisi se ile sa botsolotsa Phatlhanyane o bonweng a tsamaya le Maine fa a ne a kgorometsa kereibaye, mme le ene o ile a lelelwa ke ditshipi,” Mokgwabone wa tlhalosa.

Mokomishinara wa Sepodisi wa nama o sa tshwere mo Bokone Bophirima, Major General Patrick Asaneng, o kgadile ka bogale tiragalo e. Asaneng are polao eo ya go tlhorontshiwa ga bong e kabo e efogilwe fa baagi ba ne ba le malala-a-laotswe.

Kgabagare, Maine o ile a ipona molato mabapi le ditatofatso tsotlhe kgatlhanong le ene, mme o solofetswe go ka nguna-nguna seo le mmueledi wa puso. Phatlhanyane ene o setse a inkeme fela ka gore a neelwe beile, mme kopo ya gagwe e ka rediwa fa kgetsi e boela kgotlhatshekelo.

taungdailynews@gmail.com

Kgetsi ya polao ya kwa Motlhako 2 e boela kgotlhatsekelo


Setshwantsho: Balatofadiwa ba polao, Phemelo Maine le Onkemetse Phatlhanyane/Morongwa News

Ka OBAKENG MAJE

28 Ferikgong 2025- Kgetsi kgatlhanong le banna ba le babedi ba kwa motseng wa Matlhako 2, gaufi le Pudimoe, e tla boela kgotlha-tshekelo mo letsatsing la gompieno. Go begwa fa Phemelo Maine (40), a ipone molato mo ditatofatsong tsotlhe kgatlhanong le ene, fa molatofadiwa-naye, Onkemetse Phatlhanyane (27), ene a ka tswelela ka kopo ya beile.

Lekgotlha la bosekisi la National Prosecuting Authority (NPA), le tlhaloseditse kgotlha-tshekelo fa le tlile go tlaleletsa ditatofatso kgatlhanong le balatofadiwa. Bosekisi jwa re bo tlile go tlaleletsa ka kgetsi ya go thopa ka dikgoka.

Maine le Phatlhanyane ba latofadiwa ka go bolaya Boingotlo Makaota (16). Go begwa fa setopo sa ga Makaota, se bonwe kwa lebitleng le le seng boteng kwa nageng kwa motseng wa Matlhako 2, mo dibekeng tse di fetileng.

Go ya ka moagisani, one a utlwa segajaja sa lekgarebe mo bosigong jwa Labone kwa ntlung ya ga Maine. Go begwa fa moagisani o, gape a tlhalositse fa a ne a bona Maine ga mmogo le ditsala tsa gagwe ba kgorometsa kereibaye e go bontshang fa ene e pegile sengwe mo teng mo mosong wa Labotlhano.

Sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are: “Sepodisi se ile sa tswa letsholo, mme seo se ile sa lebisa kwa go epololweng ga setopo sa ga Makaota.

“Go begwa fa setopo seo, sene se thatilwe ka kobo, mme moswi one a supiwa ke ba lelapa la gagwe. Dipatlisiso di shupa fa setopo sa ga Makaota, se ne se na le dintho mo tlhogong, mo diropeng ga mmogo le mo maotong.”

Mokgwabone are dipatlisiso di ile tsa bolodiwa kwa lelapeng la ga Maine, mme diaparo tsa moswi di ile tsa fitlhelwa teng. Mokgwabone are, Maine o tshwerwe ka Lamatlhatso morago ga go ineele kwa sepodising.

“Monna o, o ile a isiwa kwa sepodisi ke morwa rragwe, mme one a tshwarwa. Sepodisi se ile sa botsolotsa Phatlhanyane o bonweng a tsamaya le Maine fa a ne a kgorometsa kereibaye, mme le ene o ile a lelelwa ke ditshipi,” Mokgwabone wa tlhalosa.

Mokomishinara wa Sepodisi wa nama o sa tshwere mo Bokone Bophirima, Major General Patrick Asaneng, o kgadile ka bogale tiragalo e. Asaneng are polao eo ya go tlhorontshiwa ga bong e kabo e efogilwe fa baagi ba ne ba le malala-a-laotswe.

Kgabagare, mongwe wa leloko la lelapa la kwa ga Makaota, Lesley Sirwe are: “Re ne re tlile kgotlha-tshekelo gompieno, go tla go itseela ka tsebe. Fela se ke se lemogileng kwa kgotlha-tshekelo ke gore, balatofadiwa ga ba tlotle le kgotlha-tshekelo, mme ba botsha ba tletse lenyatso.

“Re sentse re ikuela gore tshiamiso e diragale. Dikakanyo tse ke tla di neelang baagi ba motse wa rona wa Matlhako 2 ke gore, are tsweleleng ka letsema la go lwa kgatlhanong le dipolao tse di kana-kana kgatlhanong le bo mme le bana.”

taungdailynews@gmail.com

Mongwe wa balatofadiwa mo polao ya kwa Matlhako 2 o ipone molato


Ka OBAKENG MAJE

23 Ferikgong 2025- Kgetsi kgatlhanong le banna ba le babedi ba kwa motseng wa Matlhako 2, gaufi le Pudimoe, e buseditswe morago go fitlha di 28 Ferikgong 2025. Go begwa fa Phemelo Maine (40), a ipone molato mo ditatofatsong tsotlhe kgatlhanong le ene, fa molatofadiwa-naye, Onkemetse Phatlhanyane (27), ene a ka tswelela ka kopo ya beile.

Lekgotlha la bosekisi la National Prosecuting Authority (NPA), le tlhaloseditse kgotlha-tshekelo fa le tlile go tlaleletsa ditatofatso kgatlhanong le balatofadiwa. Bosekisi jwa re bo tlile go tlaleletsa ka kgetsi ya go thopa ka dikgoka.

Maine le Phatlhanyane ba latofadiwa ka go bolaya Boingotlo Makaota (16). Go begwa fa setopo sa ga Makaota, se bonwe kwa lebitleng le le seng boteng kwa nageng kwa motseng wa Matlhako 2, mo dibekeng tse di fetileng.

Go ya ka moagisani, one a utlwa segajaja sa lekgarebe mo bosigong jwa Labone kwa ntlung ya ga Maine. Go begwa fa moagisani o, gape a tlhalositse fa a ne a bona Maine ga mmogo le ditsala tsa gagwe ba kgorometsa kereibaye e go bontshang fa ene e pegile sengwe mo teng mo mosong wa Labotlhano.

Sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are: “Sepodisi se ile sa tswa letsholo, mme seo se ile sa lebisa kwa go epololweng ga setopo sa ga Makaota.

“Go begwa fa setopo seo, sene se thatilwe ka kobo, mme moswi one a supiwa ke ba lelapa la gagwe. Dipatlisiso di shupa fa setopo sa ga Makaota, se ne se na le dintho mo tlhogong, mo diropeng ga mmogo le mo maotong.”

Mokgwabone are dipatlisiso di ile tsa bolodiwa kwa lelapeng la ga Maine, mme diaparo tsa moswi di ile tsa fitlhelwa teng. Mokgwabone are, Maine o tshwerwe ka Lamatlhatso morago ga go ineele kwa sepodising.

“Monna o, o ile a isiwa kwa sepodisi ke morwa rragwe, mme one a tshwarwa. Sepodisi se ile sa botsolotsa Phatlhanyane o bonweng a tsamaya le Maine fa a ne a kgorometsa kereibaye, mme le ene o ile a lelelwa ke ditshipi,” Mokgwabone wa tlhalosa.

Mokomishinara wa Sepodisi wa nama o sa tshwere mo Bokone Bophirima, Major General Patrick Asaneng, o kgadile ka bogale tiragalo e. Asaneng are polao eo ya go tlhorontshiwa ga bong e kabo e efogilwe fa baagi ba ne ba le malala-a-laotswe.

Kgabagare, mongwe wa leloko la lelapa la kwa ga Makaota, Lesley Sirwe are: “Re ne re tlile kgotlha-tshekelo gompieno, go tla go itseela ka tsebe. Fela se ke se lemogileng kwa kgotlha-tshekelo ke gore, balatofadiwa ga ba tlotle le kgotlha-tshekelo, mme ba botsha ba tletse lenyatso.

“Re sentse re ikuela gore tshiamiso e diragale. Dikakanyo tse ke tla di neelang baagi ba motse wa rona wa Matlhako 2 ke gore, are tsweleleng ka letsema la go lwa kgatlhanong le dipolao tse di kana-kana kgatlhanong le bo mme le bana.”

taungdailynews@gmail.com

Kgetsi ya polao kgatlhanong le banna ba le babedi ba kwa Matlhako 2 ya tswelela


Ka OBAKENG MAJE

23 Ferikgong 2025- Banna ba le babedi ba kwa motseng wa Matlhako 2, gaufi le Pudimoe, ba solofetswe go tlhagelela kwa kgotlha-tshekelo ya Taung mabapi le kgetsi ya polao. Go begwa fa Phemelo Maine (40) a puagantse kopo ya gagwe ya beile, fa kopo ya beile ya ga Onkemetse Phatlhanyane (27), e ka rediwa ka di 23 Ferikgong 2025.

Maine le Phatlhanyane ba latofadiwa ka go bolaya Boingotlo Makaota (16). Go begwa fa setopo sa ga Makaota, se bonwe kwa lebitleng le le seng boteng kwa nageng kwa motseng wa Matlhako 2 mo bekeng e e fetileng ka Labotlhano.

Sepodisi se begile fa Makaota a ka tswa a bolailwe mo bosigong jwa Labone gone mo bekeng e e fetileng. Go ya ka moagisani, one a utlwa segajaja sa lekgarebe mo bosigong jwa Labone kwa ntlung ya ga Maine.

Go begwa fa moagisani o, gape a tlhalositse fa a ne a bona Maine ga mmogo le ditsala tsa gagwe ba kgorometsa kereibaye e go bontshang fa ene e pegile sengwe mo teng mo mosong wa Labotlhano.

Sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are: “Sepodisi se ile sa tswa letsholo, mme seo se ile sa lebisa kwa go epololweng ga setopo sa ga Makaota.

“Go begwa fa setopo seo, sene se thatilwe ka kobo, mme moswi one a supiwa ke ba lelapa la gagwe. Dipatlisiso di shupa fa setopo sa ga Makaota, se ne se na le dintho mo tlhogong, mo diropeng ga mmogo le mo maotong.”

Mokgwabone are dipatlisiso di ile tsa bolodiwa kwa lelapeng la ga Maine, mme diaparo tsa moswi di ile tsa fitlhelwa teng. Mokgwabone are, Maine o tshwerwe ka Lamatlhatso morago ga go ineele kwa sepodising.

“Monna o, o ile a isiwa kwa sepodisi ke morwa rragwe, mme one a tshwarwa. Sepodisi se ile sa botsolotsa Phatlhanyane o bonweng a tsamaya le Maine fa a ne a kgorometsa kereibaye, mme le ene o ile a lelelwa ke ditshipi,” Mokgwabone wa tlhalosa.

Mokomishinara wa Sepodisi wa nama o sa tshwere mo Bokone Bophirima, Major General Patrick Asaneng, o kgadile ka bogale tiragalo e. Asaneng are polao eo ya go tlhorontshiwa ga bong e kabo e efogilwe fa baagi ba ne ba le malala-a-laotswe.

Kgabagare, modula-setilo wa mokgatlho wa baagi wa South African National Civic Organisation (SANCO) mo Taung, Joseph Tanyane are: “Re utlwile ka tiragalo eo, mme re tlhabilwe ke ditlhong thata. Re dira boikuelo go makgarebe a atlhogang gore ba itlhokomele thata jang mo makawaneng a tlang kwa morago a.

“Ko bofelo, ba feleletsa ba ba tseela matshelo, mme re ba rotloetsa thata gore ba itlhokomele. Re leboga sepodisi sa rona sa Afrika Borwa ka gore se sebaka ba be ba setse ba tshwere babelaelwa. Ba dira tiro entle go baagi ba rona.”

Tanyane are ba romela matshidiso go ba lelapa la ga Makaota gore ba beye tshotlhe fa pele ga Modimo, gonne ke ene fela o a itseng.

taungdailynews@gmail.com

Kgetsi ya polao kgatlhanong le banna ba le babedi ba kwa Matlhako 2 e buseditswe morago


Ka OBAKENG MAJE

17 Ferikgong 2025- Kgetsi ya polao kgatlhanong le banna ba le babedi ba kwa motseng wa Matlhako 2, gaufi le Pudimoe, e busiditswe morago ke kgotlha-tshekelo ya Taung go fitlha 23 Ferikgong 2025. Go begwa fa Phemelo Maine (40) a puagantse kopo ya gagwe ya beile, fa kopo ya beile ya ga Onkemetse Phatlhanyane (27), e ka rediwa ka di 23 Ferikgong 2025.

Maine le Phatlhanyane ba latofadiwa ka go bolaya Boingotlo Makaota (16).

Go begwa fa setopo sa ga Makaota, se bonwe kwa lebitleng le le seng boteng kwa nageng kwa motseng wa Matlhako 2 mo bekeng e e fetileng ka Labotlhano. Sepodisi se begile fa Makaota a ka tswa a bolailwe mo bosigong jwa Labone gone mo bekeng e e fetileng.

Go ya ka moagisani, one a utlwa segajaja sa lekgarebe mo bosigong jwa Labone kwa ntlung ya ga Maine. Go begwa fa moagisani o, gape a tlhalositse fa a ne a bona Maine ga mmogo le ditsala tsa gagwe ba kgorometsa kereibaye e go bontshang fa ene e pegile sengwe mo teng mo mosong wa Labotlhano.

Sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are: “Sepodisi se ile sa tswa letsholo, mme seo se ile sa lebisa kwa go epololweng ga setopo sa ga Makaota.

“Go begwa fa setopo seo, sene se thatilwe ka kobo, mme moswi one a supiwa ke ba lelapa la gagwe. Dipatlisiso di shupa fa setopo sa ga Makaota, se ne se na le dintho mo tlhogong, mo diropeng ga mmogo le mo maotong.”

Mokgwabone are dipatlisiso di ile tsa bolodiwa kwa lelapeng la ga Maine, mme diaparo tsa moswi di ile tsa fitlhelwa teng. Mokgwabone are, Maine o tshwerwe ka Lamatlhatso morago ga go ineele kwa sepodising.

“Monna o, o ile a isiwa kwa sepodisi ke morwa rragwe, mme one a tshwarwa. Sepodisi se ile sa botsolotsa Phatlhanyane o bonweng a tsamaya le Maine fa a ne a kgorometsa kereibaye, mme le ene o ile a lelelwa ke ditshipi,” Mokgwabone wa tlhalosa.

Mokomishinara wa Sepodisi wa nama o sa tshwere mo Bokone Bophirima, Major General Patrick Asaneng, o kgadile ka bogale tiragalo e. Asaneng are polao eo ya go tlhorontshiwa ga bong e kabo e efogilwe fa baagi ba ne ba le malala-a-laotswe.

Kgabagare, modula-setilo wa mokgatlho wa baagi wa South African National Civic Organisation (SANCO) mo Taung, Joseph Tanyane are: “Re utlwile ka tiragalo eo, mme re tlhabilwe ke ditlhong thata. Re dira boikuelo go makgarebe a atlhogang gore ba itlhokomele thata jang mo makawaneng a tlang kwa morago a.

“Ko bofelo, ba feleletsa ba ba tseela matshelo, mme re ba rotloetsa thata gore ba itlhokomele. Re leboga sepodisi sa rona sa Afrika Borwa ka gore se sebaka ba be ba setse ba tshwere babelaelwa. Ba dira tiro entle go baagi ba rona.”

Tanyane are ba romela matshidiso go ba lelapa la ga Makaota gore ba beye tshotlhe fa pele ga Modimo, gonne ke ene fela o a itseng.

taungdailynews@gmail.com

Banna ba le babedi ba ba latofadiwang ka polao ya lekgarebe la kwa Matlhako 2 ba solofetswe go dira kopo ya beile  


Ka OBAKENG MAJE

16 Ferikgong 2025- Banna ba le babedi ba kwa motseng wa Matlhako 2, gaufi le Pudimoe, ba solofetswe go dira kopo ya beile kwa kgotlha-tshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno. Phemelo Maine (40) ga mmogo le Onkemetse Phatlhanyane (27), ba latofadiwa ka go bolaya Boingotlo Makaota (16).

Go begwa fa setopo sa ga Makaota, se bonwe kwa lebitleng le le seng boteng kwa nageng kwa motseng wa Matlhako 2 mo bekeng e e fetileng ka Labotlhano. Sepodisi se begile fa Makaota a ka tswa a bolailwe mo bosigong jwa Labone gone mo bekeng e e fetileng.

Go ya ka moagisani, one a utlwa segajaja sa lekgarebe mo bosigong jwa Labone kwa ntlung ya ga Maine. Go begwa fa moagisani o, gape a tlhalositse fa a ne a bona Maine ga mmogo le ditsala tsa gagwe ba kgorometsa kereibaye e go bontshang fa ene e pegile sengwe mo teng mo mosong wa Labotlhano.

Sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are: “Sepodisi se ile sa tswa letsholo, mme seo se ile sa lebisa kwa go epololweng ga setopo sa ga Makaota.

“Go begwa fa setopo seo, sene se thatilwe ka kobo, mme moswi one a supiwa ke ba lelapa la gagwe. Dipatlisiso di shupa fa setopo sa ga Makaota, se ne se na le dintho mo tlhogong, mo diropeng ga mmogo le mo maotong.”

Mokgwabone are dipatlisiso di ile tsa bolodiwa kwa lelapeng la ga Maine, mme diaparo tsa moswi di ile tsa fitlhelwa teng. Mokgwabone are, Maine o tshwerwe ka Lamatlhatso morago ga go ineele kwa sepodising.

“Monna o, o ile a isiwa kwa sepodisi ke morwa rragwe, mme one a tshwarwa. Sepodisi se ile sa botsolotsa Phatlhanyane o bonweng a tsamaya le Maine fa a ne a kgorometsa kereibaye, mme le ene o ile a lelelwa ke ditshipi,” Mokgwabone wa tlhalosa.

Mokomishinara wa Sepodisi wa nama o sa tshwere mo Bokone Bophirima, Major General Patrick Asaneng, o kgadile ka bogale tiragalo e. Asaneng are polao eo ya go tlhorontshiwa ga bong e kabo e efogilwe fa baagi ba ne ba le malala-a-laotswe.

Kgabagare, modula-setilo wa mokgatlho wa baagi wa South African National Civic Organisation (SANCO) mo Taung, Joseph Tanyane are: “Re utlwile ka tiragalo eo, mme re tlhabilwe ke ditlhong thata. Re dira boikuelo go makgarebe a atlhogang gore ba itlhokomele thata jang mo makawaneng a tlang kwa morago a.

“Ko bofelo, ba feleletsa ba ba tseela matshelo, mme re ba rotloetsa thata gore ba itlhokomele. Re leboga sepodisi sa rona sa Afrika Borwa ka gore se sebaka ba be ba setse ba tshwere babelaelwa. Ba dira tiro entle go baagi ba rona.”

Tanyane are ba romela matshidiso go ba lelapa la ga Makaota gore ba beye tshotlhe fa pele ga Modimo, gonne ke ene fela o a itseng.

taungdailynews@gmail.com

Kgetsi ya polao kgatlhanong le banna ba le babedi ba kwa Matlhako 2 e buseditswe morago


Ka OBAKENG MAJE

13 Ferikgong 2025- Kgetsi ya polao kgatlhanong le banna ba le babedi ba kwa motseng wa Matlhako 2, gaufi le Pudimoe, e buseditswe morago go fitlha ka di 16 Ferikgong 2025.

Phemelo Maine (40) ga mmogo le Onkemetse Phatlhanyane (27), ba tlhotse ba shadikantse matlho kwa Khotlhatshekelo ya Taung, mme ba lebagane le tatofatso ya go bolaya lekgarebe la dingwaga di le 16, teng kwa Matlhako 2.

Go begwa fa setopo sa ga Boingotlo Makaota, se bonwe kwa lebitleng le le seng boteng kwa nageng kwa motseng wa Matlhako 2 ka Labotlhano. Sepodisi se begile fa Makaota a ka tswa a bolailwe ka Labone bosigo.

Go ya ka moagisani wa Maine, one a utlwa segajaja sa lekgarebe mo bosigong jwa Labone kwa ntlung ya gagwe. Go begwa fa moagisani o, gape a tlhalositse fa a ne a bona Maine ga mmogo le ditsala tsa gagwe ba kgorometsa kereibaye e go bontshang fa ene e pegile sengwe mo teng mo mosong wa Labotlhano.

Sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are: “Sepodisi se ile sa tswa letsholo, mme seo se ile sa lebisa kwa go epololweng ga setopo sa ga Makaota.

“Go begwa fa setopo seo, sene se thatilwe ka kobo, mme moswi one a supiwa ke ba lelapa la gagwe. Dipatlisiso di shupa fa setopo sa ga Makaota, se ne se na le dintho mo tlhogong, mo diropeng ga mmogo le mo maotong.”

Mokgwabone are dipatlisiso di ile tsa bolodiwa kwa lelapeng la ga Maine, mme diaparo tsa moswi di ile tsa fitlhelwa teng. Mokgwabone are, Maine o tshwerwe ka Lamatlhatso morago ga go ineele kwa sepodising.

“Monna o, o ile a isiwa kwa sepodisi ke morwa rragwe, mme one a tshwarwa. Sepodisi se ile sa botsolotsa Phatlhanyane o bonweng a tsamaya le Maine fa a ne a kgorometsa kereibaye, mme le ene o ile a lelelwa ke ditshipi,” Mokgwabone wa tlhalosa.

Mokomishinara wa Sepodisi wa nama o sa tshwere mo Bokone Bophirima, Major General Patrick Asaneng, o kgadile ka bogale tiragalo e. Asaneng are polao eo ya go tlhorontshiwa ga bong e kabo e efogilwe fa baagi ba ne ba le malala-a-laotswe.

Kgabagare, modula-setilo wa mokgatlho wa baagi wa South African National Civic Organisation (SANCO) mo Taung, Joseph Tanyane are: “Re utlwile ka tiragalo eo, mme re tlhabilwe ke ditlhong thata. Re dira boikuelo go makgarebe a atlhogang gore ba itlhokomele thata jang mo makawaneng a tlang kwa morago a.

“Ko bofelo, ba feleletsa ba ba tseela matshelo, mme re ba rotloetsa thata gore ba itlhokomele. Re leboga sepodisi sa rona sa Afrika Borwa gore ka se sebaka ba be ba setse ba tshwere babelaelwa. Ba dira tiro entle go baagi ba rona.

“Re romela matshidiso go ba lelapa la ga Makaota gore ba beye tshotlhe fa pele ga Modimo, gonne ke ene fela o a itseng.”

taungdailynews@gmail.com