Monna o latofadiwang ka go bolaya lekgarebe la kwa Pudimoe o tshwerwe


Setshwantsho: Moswi, Boingotlo Makaota/Facebook

Ka OBAKENG MAJE

12 Ferikgong 2025- Monna wa dingwaga di le 40, yo o latofadiwang ka go bolaya mosetsanyana wa dingwaga di le 16, kwa motseng wa Matlhako 2, gaufi le Pudimoe o tshwerwe. Se se tla morago ga gore setopo sa ga Boingotlo Makaota , se bonwe kwa lebitleng le le seng boteng kwa nageng kwa motseng wa Matlhako 2 mo letsatsing la Labotlhano.

Sepodisi se begile fa Makaota a ka tswa le bolailwe ka Labone bosigo.

Go begwa fa moagisani wa mmelaelwa, a ile a begela sepodisi fa a utlwile segajaja sa lekgarebe mo bosigong jwa Labone kwa ntlung ya mmelaelwa. Go begwa fa moagisani o, a tlhalositse fa gape a ne a bona mmelaelwa ga mmogo le ditsala tsa gagwe ba kgorometsa kereibaye e go bontshang fa ene e pegile sengwe mo teng mo mosong wa Labotlhano.

Sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are: “Sepodisi se ile sa tswa letsholo, mme seo se ile sa lebisa kwa go epololweng ga setopo sa lekgarebe mo letsatsing la gompieno.

“Go begwa fa setopo seo, sene se thatilwe ka kobo, mme moswi one a supiwa ke ba lelapa la gagwe jaaka Boingotlo Makaota. Dipatlisiso di shupa fa setopo sa ga Makaota, se ne se na le dintho mo tlhogong, mo diropeng ga mmogo le mo maotong.”

Mokgwabone are dipatlisiso di ile tsa bolodiwa kwa lelapeng la mmelaelwa, mme diaparo tsa moswi di ile tsa fitlhelwa teng. Mokgwabone are, mmelaelwa o tshwerwe mo letsatsing la maabane morago ga gore a ineele kwa sepodising.

“Monna o, o ile a isiwa ke morwa-rragwe kwa sepodisi, mme a tshwarwa. Sepodisi se ile sa botsolotsa monna mongwe o bonweng a tsamaya le mmelaelwa fa a ne a kgorometsa kereibaye,” Mokgwabone wa tlhalosa.

Kgabagare, Mokomishinara wa Sepodisi wa nama o sa tshwere mo Bokone Bophirima, Major General Patrick Asaneng, o kgadile ka bogale tiragalo e. Asaneng are polao eo ya go tlhorontshiwa ga bong e kabo e efogilwe fa baagi ba ne ba le Malala-a-laotswe.

taungdailynews@gmail.com