Tirelo phitlho ya ga Albert Dikano Moleleki le motlogoloe, Tlotlaone Mokgele e tsweletse kwa motseng wa Myra


Ka OBAKENG MAJE

Tirelo phitlho ya motho le malomagwe e tsweletse ga jaana kwa motseng wa Myra, gaufi le Taung. Seno se tla morago ga gore Albert Dikano Moleleki, ga mmogo le motlogolowe, Tlotlaone Mokgele, ba tlhokafale mo kotsing ya sejanaga mo tsela-kgolo ya N18, gaufi le motse wa Dryharts ka Lamatlhatso wa beke e e fetileng.

Ba lelapa la ga Moleleki ba re ba utlwisitswe botlhoko ke go tlhokafala ga gagwe, ga mmogo le motlogolowe.

Go ya ka sebueledi sa lelapa, Otshepeng Zee Moleleki, mogolowe o ile a amega mo kotsing ya sejanaga mo tsela-kgolo ya N18, gaufi le motse wa Dryharts ka letsatsi la Lamatlhatso fa masigo ane asa. Otshepeng are, batho ba ba ileng ba amega mo kotsing ya sejanaga ba ne ba le bane ka palo. 

“Aubuti one a kgweetsa sejanaga sa modiro wa bakkie, mme one a tsamaya le lekgarebe la gagwe, setlogolo sa rona, Tlotlaone Mokgele, ga mmogo le monna o tlholang a nthusa go baakanya dikoloi.

“Mo kotsing e, go ile ga tlhokafala aubuti, Albert Dikano Moleleki, ga mmogo le setlogolo, Tlotlaone Mokgele. Lekgarebe la ga aubuti le ile la bona dikgobalo mo leotong, fa monna o tlholang a nthusa go baakanya dikoloi, a sa bona dikgobalo tse di tseneletseng, mme ebile o setse a ntshitswe kwa bookelong,” Otshepeng wa tlhalosa. 

Otshepeng are ba dumalane jaaka le lelapa gore phitlho e nne ka Lamatlhatso, mme e tla tshwarelwa kwa lebaleng la metshameko kwa motseng wa Myra. Fela, e tla re morago ga tirelo phitlho, ba lelapa la ga Mokgele ba tla tsaya serepa sa gagwe go ya go se boloka kwa mabitleng a bone, mme le rona re tseye serepa sa ga aubuti re ye go se boloka kwa mabitleng a rona.  

“Re latlhegetswe thata, fela ga gona se re tla se dirang, gonne thato ya Modimo e diragetse. Le fa dipelo di utlwile botlhoko, ebile di robegile, re tla baya tsotlhe fa pele ga Rara mme re re go siame go siame,” Otshepeng wa tlhalosa. 

Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Lieutenant Col Amanda Funani, ga se a boele go lekwalo dikgang la rona la Taung DailyNews ka dikarabo mabapi le kgang e. Dikarabo tsa ga Funani di tla tsenngwa mo kgannyeng e fa di setse di gorogile. 

taungdailynews@gmail.com