Mongwe wa babelaelwa ba kgothoso o tlogetswe a phokga-phokga madi morago ga go thuntshiwa


Ka OBAKENG MAJE

Monna mongwe o belaelwang ka kgothoso, go begwa fa a tlogetswe ka manokonoko morago ga go thuntsiwa. Go begwa fa banna ba le bane, ba ne ba leka go kgothosa monna mongwe mo toropong ya Taung, gaufi le lebenkele la OK ka letsatsi la Tshipi mo motshegareng.

Go ya ka mongwe wa bo maratahelele are: “Monna o, one a tswa ntlheng ya Build It fa a ne a kgorogelwa ke banna ba le bane. Banna ba le babedi, ba tlile ba mo setse morago, fa ba bangwe ba le babedi ba ne ba tsamaya fa pele ga gagwe. Banna ba ba neng ba mo setse morago, ba ne ba ikakatlela ka mometso wa gagwe.

“Ba ne ba mo tseela dilwana tsa gagwe tsa botlhokwa jaaka mogala wa letheka le kgetsana e go belaelwang ene e tsentse madi. Fela, monna yo, one a ntsha sethunya, mme a thuntsa mongwe wa banna ba. Go begwa fa monna o thuntsitsweng, one a siela kwa lebenkeleng la OK a phokga-phokga madi.”

Go ya ka maratahelele o, o kaile fa mongwe wa banna ba ba ditsotsi a ne a neela rasethunya o mogala wa gagwe wa letheka le go kopa gore a se mo thuntse. Seo se ne sa diragala morago ga go lemoga gore mong ka ene o mo matsading a sethunya. 

Go begwa fa rasethunya o, ane a tsaya sethunya sa gagwe a wela tsela, mme a tlogela monna o a mo thuntshitseng ka manokonoko. 

Go begwa fa monna o thuntshitsweng, a ne a rwalelwa kwa bookelong jwa Taung ke embulense, mme a fitisetswa kwa bookelong jwa Tshepong kwa Klerksdorp ka ntlheng ya dikgobalo tse a di boneng. 

Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Brig Sabata Mokgwabone, o setse a kokwanya dintlha mo kganyeng e, mme o kaile fa a tla boela go Taung DailyNewsmoragonyana.  

taungdailynews@gmail.com