
Ka KEDIBONE MOLAETSI
19 Ngwanatsele 2025- Mosetsanyana wa dingwaga dile 9 o go begwang fa a ne a timetse, o bonwe. Sepodisi sa uniti e batlisisang dikgetsi tsa tshotlakako ya mo malapeng, tshireletso ya bana kgatlhanong le thobalano kwa Kathu, gaufi le Kuruman, se ne sa bolotsa dipatlisiso mabapi le go timela ga ga Mihlali Khanyiso Ludaba.
Sebueledi sa sepodisi kwa porofenseng ya Kapa Bokone, Mobrigadiere Mashay Gamieldien are Ludaba one a begwa fa a timetse ka Labotlhano o fetileng. Gamieldien are Ludaba o ile a gololwa ke mongwe wa losika la gagwe o go begwang fa a ne a ya go mo tsaya kwa sekolong ka Labotlhano.
“Ludaba o golotswe mo letsatsing la maabane, mme monna wa dingwaga di le 37, o ile a tshwarwa kwa Kuruman mabapi le ditatofatso tsa go thopa ka dikgoka. O tshwere mo letsatsing la maabane ka ura ya borobedi bosigo. Sepodisi se rata go ka leboga matsapa a tshotsweng ke baagi mo go ba thuseng go batlana le Ludaba.
“Ludaba o tla isiwa kwa bookelong go ya go tlhatlhobiwa, mme a neelwe mmagwe morago ga moo. Mmelaelwa o tla tlhagelela kwa kgotlhatshekelo mo bo gautshwaneng mabapi le ditatofatso tsa go thopa ka dikgoka,” Gamieldien wa tlhalosa.