Kgetsi ya petelelo le polao e boela kgotlhatshekelo


Setshwantsho: Moswi, Motlalepula Kau

Ka OBAKENG MAJE

4 Ngwanatsele 2025- Kgetsi ya go thopa ka dikgoka, kgothoso e tseneletseng, petelelo ga mmogo le polao kgatlhanong le banna ba le babedi ba kwa kgaolong ya ga Manyai kwa motseng wa Tlakgameng, gaufi le Ganyesa, e boela kwa kgotlhatshekelo ya Ganyesa mo letsatsing la gompieno. Mongwe wa balatofadiwa, Tshepiso Montswane (33), o tsentse kopo ya beile.

Montswane ga mmogo le Gaonapotso Rantsho (33), ba latofadiwa ka go thopa ka dikgoka, kgothoso e tseneletseng, petelelo ga mmogo le go bolaya Motlalepula Kau (43), wa kwa motsesetoropong wa Montshioa kwa Mahikeng. Go begwa fa Montswane ga mmogo le Rantsho, ba ne ba itira dingaka tsa setso, mme ba tsietsa Kau ka leleme gore a lebe kwa motseng wa Tlakgameng gore ba mo thuse.

Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are lelapa la ga Kau le ne la itsise sepodisi fa a timetse. Mokgwabone are kgetsi ya motho o timetseng ene ya bulwa kwa seteisheneng sa sepodisi sa Mahikeng ka di 23 Moranang 2025, mme sepodisi sa bolotsa dipatlisiso.

“Go begwa fa setopo sa ga Kau se ile sa bonwa kwa lebitleng le le seng boteng kwa nageng magareng ga motse wa Tlakgameng le Kudunkgwane fa Moranang a ne a tlhola matsatsi a le 24.

“Setopo seo, se ile sa shupiwa ke mongwe wa leloko la lelapa fa ele sa ga Kau. Sepodisi se ile sa bolotsa dipatlisiso mabapi le go bolawa ga ga Kau, mme seo sa ba lebisa kwa go tshwarweng ga ga Rantsho le Motswane. Banna ba, ba ile ba tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ya Ganyesa, mme ba bolelela lekgotlha fa ba na le kgetsi e nngwe gape ya petelelo kgatlhanong le bone,” Mokgwabone wa tlhalosa.

Banna ba, ba ne ba ganelwa ka beile, fela Montswane ene are o tswelela ka kopo ya beile fa Rantsho ene a boleletse lekgotlha fa a sa tlhoke beile. Dipoelo tsa forensiki di solofetswe go goroga fa kgwedi ya Ngwanatsele e tlhola matsatsi a le 5.

taungdailynews@gmail.com

Kgetsi ya petelelo le polao e buseditswe morago


Ka OBAKENG MAJE

24 Diphalane 2025- Kgetsi ya go thopa ka dikgoka, kgothoso e tseneletseng, petelelo ga mmogo le polao kgatlhanong le banna ba le babedi ba kwa kgaolong ya ga Manyai kwa motseng wa Tlakgameng, gaufi le Ganyesa, e buseditswe morago ke kgotlhatshekelo ya Ganyesa go fitlha ngwedi ya Ngwanatsele e tlhola matsatsi a 4.

Se, se tla morago ga gore mongwe wa balatofadiwa, Tshepiso Montswane (33), a tsenye kopo ya beile. Montswane ga mmogo le Gaonapotso Rantsho (33), ba latofadiwa ka go thopa ka dikgoka, kgothoso e tseneletseng, petelelo ga mmogo le go bolaya Motlalepula Kau (43), wa kwa motsesetoropong wa Montshioa kwa Mahikeng. Go begwa fa Montswane ga mmogo le Rantsho, ba ne ba itira dingaka tsa setso, mme ba tsietsa Kau ka leleme gore a lebe kwa motseng wa Tlakgameng gore ba mo thuse.

Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are lelapa la ga Kau le ne la itsise sepodisi fa a timetse. Mokgwabone are kgetsi ya motho o timetseng ene ya bulwa kwa seteisheneng sa sepodisi sa Mahikeng ka di 23 Moranang 2025, mme sepodisi sa bolotsa dipatlisiso.

“Go begwa fa setopo sa ga Kau se ile sa bonwa kwa lebitleng le le seng boteng kwa nageng magareng ga motse wa Tlakgameng le Kudunkgwane fa Moranang a ne a tlhola matsatsi a le 24.

“Setopo seo, se ile sa shupiwa ke mongwe wa leloko la lelapa fa ele sa ga Kau. Sepodisi se ile sa bolotsa dipatlisiso mabapi le go bolawa ga ga Kau, mme seo sa ba lebisa kwa go tshwarweng ga ga Rantsho le Motswane. Banna ba, ba ile ba tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ya Ganyesa, mme ba bolelela lekgotlha fa ba na le kgetsi e nngwe gape ya petelelo kgatlhanong le bone,” Mokgwabone wa tlhalosa.

Banna ba, ba ne ba ganelwa ka beile, fela Montswane ene are o tswelela ka kopo ya beile fa Rantsho ene a boleletse lekgotlha fa a sa tlhoke beile. Dipoelo tsa forensiki di solofetswe go goroga fa kgwedi ya M=Ngwanatsele e tlhola matsatsi a le 5.

taungdailynews@gmail.com

Kgetsi ya petelelo le polao e boela kgotlhatshekelo


Setshwantsho: Moswi, Motlalepula Kau

Ka OBAKENG MAJE

20 Diphalane 2025- Kgetsi ya go thopa ka dikgoka, kgothoso e tseneletseng, petelelo ga mmogo le polao kgatlhanong le banna ba le babedi ba kwa kgaolong ya ga Manyai kwa motseng wa Tlakgameng, gaufi le Ganyesa, e solofetswe go boela kwa kghotlha-tshekelo ya Ganyesa mo letsatsing la gompieno.

Kgetsi ene ya busediwa morago gonne mmueledi wa balatofadiwa a sa iponatsa kwa kgotlhatshekelo.

Balatofadiwa, Tshepiso Montswane (33) ga mmogo le Gaonapotso Rantsho (33), ba latofadiwa ka go thopa ka dikgoka, kgothoso e tseneletseng, petelelo ga mmogo le go bolaya Motlalepula Kau (43), wa kwa motsesetoropong wa Montshioa kwa Mahikeng. Go begwa fa Montswane ga mmogo le Rantsho, ba ne ba itira dingaka tsa setso, mme ba tsietsa Kau ka leleme gore a lebe kwa motseng wa Tlakgameng gore ba mo thuse. 

Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are lelapa la ga Kau le ne la itsise sepodisi fa a timetse. Mokgwabone are kgetsi ya motho o timetseng ene ya bulwa kwa seteisheneng sa sepodisi sa Mahikeng ka di 23 Moranang 2025, mme sepodisi sa bolotsa dipatlisiso.

“Go begwa fa setopo sa ga Kau se ile sa bonwa kwa lebitleng le le seng boteng kwa nageng magareng ga motse wa Tlakgameng le Kudunkgwane fa Moranang a ne a tlhola matsatsi a le 24.

“Setopo seo, se ile sa shupiwa ke mongwe wa leloko la lelapa fa ele sa ga Kau. Sepodisi se ile sa bolotsa dipatlisiso mabapi le go bolawa ga ga Kau, mme seo sa ba lebisa kwa go tshwarweng ga ga Ransho le Motswane. Banna ba, ba ile ba tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ya Ganyesa, mme ba bolelela lekgotlha fa ba na le kgetsi e nngwe gape ya petelelo kgatlhanong le bone,” Mokgwabone wa tlhalosa.

Banna ba, ba ne ba ganelwa ka beile mme ba tla nama ba letile letsatsi la tsheko kwa ntlolefitshwana.

taungdailynews@gmail.com

Kgetsi ya petelelo le polao e buseditswe morago


Setshwantsho: Moswi, Motlalepula Kau

Ka OBAKENG MAJE

10 Lwetse 2025- Kgetsi ya go thopa ka dikgoka, kgothoso e tseneletseng, petelelo ga mmogo le polao kgatlhanong le banna ba le babedi ba kwa kgaolong ya ga Manyai kwa motseng wa Tlakgameng, gaufi le Ganyesa, e buseditswe morago go fitlha kgwedi ya Diphalane e tlhola matsatsi a le 20. Se se tla morago ga gore mmueledi wa balatofadiwa a se iponatse kwa kgotlhatshekelo.

Balatofadiwa, Tshepiso Montswane (33) ga mmogo le Gaonapotso Rantsho (33), ba latofadiwa ka go thopa ka dikgoka, kgothoso e tseneletseng, petelelo ga mmogo le go bolaya Motlalepula Kau (43), wa kwa motsesetoropong wa Montshioa kwa Mahikeng. Go begwa fa Montswane ga mmogo le Rantsho, ba ne ba itira dingaka tsa setso, mme ba tsietsa Kau ka leleme go leba kwa motseng wa Tlakgameng go mo thusa.  

Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are lelapa la ga Kau le ne la itsise sepodisi fa a timetse. Mokgwabone are kgetsi ya motho o timetseng ene ya bulwa kwa seteisheneng sa sepodisi sa Mahikeng ka di 23 Moranang 2025, mme sepodisi sa bolotsa dipatlisiso.

“Go begwa fa setopo sa ga Kau se ile sa bonwa kwa lebitleng le le seng boteng kwa nageng magareng ga motse wa Tlakgameng le Kudunkgwane fa Moranang a ne a tlhola matsatsi a le 24.

“Setopo seo, se ile sa shupiwa ke mongwe wa leloko la lelapa fa ele sa ga Kau. Sepodisi se ile sa bolotsa dipatlisiso mabapi le go bolawa ga ga Kau, mme seo sa ba lebisa kwa go tshwarweng Ransho le Motswane. Banna ba, ba ile ba tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ya Ganyesa, mme ba bolelela lekgotlha fa ba na le kgetsi e nngwe gape ya petelelo kgatlhanong le bone,” Mokgwabone wa tlhalosa.

Kgetsi kgatlhanong le bone e ne ya busediwa morago, mme ba tla nama ba letile letsatsi la tsheko kwa ntlolefitshwana.

taungdailynews@gmail.com

Mosetsanyana o bolailwe kwa Tseoge


Setshwantsho: Moswi, Bokao Gaseimelwe

Ka OBAKENG MAJE

28 Phukwi 2025- Sepodisi sa kwa Morokweng, gaufi le Ganyesa, se butse kgetsi ya polao morago ga dipego tsa gore mosetsanyana wa dingwaga di le 6 o beteletswe le go bolawa kwa motseng wa Tseoge. Go begwa fa moswi a ne a tsamaya le mmagwe ka Lamatlhatso fa sejanaga se ba neng ba se palame se ema kwa ntlung e rekisang nnotagi.

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen, o tlhalositse fa mmagwe ngwana a ile a lemoga fa mosetsanyana o a seo, mme ba tshimolola go batlana le ene. Tryphosa are ga gwa nna le nko e tswang lemina, mme setopo sa mosetsanyana o, se ile sa bonwa ka letsatsi la Tshipi.

“Ga gona ope o tshwerweng go fitlha ga jaana, fela dipatlisiso di tsweletse,” van Rooyen wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Monna o thuntsitswe le go bolawa kwa Morokweng


Ka OBAKENG MAJE

20 Ferikgong 2025- Monna wa dingwaga di le 22, wa kwa motseng wa Morokweng, gaufi le Ganyesa, o thuntsitswe le go bolawa ke banna bangwe ba ba sa itsiweng. Go begwa fa tiragalo e, e diragetse ka masa a letsatsi la Tshipi (19 Ferikgong 2025).

Go ya ka dipego, go bonwe sejanaga sa VW Polo sa mmala o motala wa loapi ka nomoro plata ya porofense ya Gauteng, se se neng se kaila-kaila gaufi le legae la moswi eleng Tumelo Seokame. Go begwa fa ka nako eo, Seokame one a le kwa lefelong la boiketlo ga mmogo le lekgarebe la gagwe.

Go begwa fa Seokame ane a tsamaya le lekgarebe la gagwe go ya go robala. Go ya ka dipego, banna ba, ba ile ba ya go mo batla kwa gagabo, mme ba motlhoka.

Fela go begwa fa Seokame ya re a sentse a itheeditse kwa lelapeng la kgarebe ya gagwe, banna ba le bane ba ba sa itsiweng ba ne ba itelekela teng koo, mme ba kopa thuso mabapi le sejanaga sa bone se seneng se ba fa mathata.

Go begwa fa seo, ene ele tsela ya bone ya go gogela Seokame kwa ntle gore ba kgone go mo tlhasela. Go begwa fa lekgarebe la ga Seokame le ne la utlwa sethunya se gelebetega kwa ntle, mme moraganyana, one a bona Seokame oneng a phukga-phukga madi a tla a taboga le go siela mo ntlung.

Go ya ka dipego, Seokame one a laela lekgarebe la gagwe go le botsa phokoje fa ene a ne a leka go thiba setswalo. Go begwa fa lekgarebe la gagwe le ile la betsega ka letlhaba-phefo, fela one a kopana le mongwe wa banna ba kwa ntle.

Go begwa fa ka lesego, monna owa a sa montsha dikgobalo. Go begwa fa mongwe wa banna ba, a ile a tswelela ka go raga setswalo, mme one a tsena le go thuntsa Seokame makgetlho a le supa.

Go ya ka dipego, Seokame o thuntsitswe mo tlhogong makgetlho ale mabedi, gangwe mo letsogong, le mo mokwatla. Bathuso ya potlako ba ne ba bidiwa le go netefatsa fa Seokame a ragile kika kwa lefelong la tiragalo.

Kgabagare, sebueledi sa sepodisi kwa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are: “Ke nnete kgetsi ya polao e butswe, fela ga nkitla re tsena mo diteng tsa kgetsi. Dipatlisiso mo kgetsing e di tsweletse.”

taungdailynews@gmail.com

Monna oneng a amogetswe kwa bookelong morago ga go shela mo seroring sa mapodisi kwa seteisheneng sa sepodisi sa kwa Morokweng le ene o tlhokafetse


Ka OBAKENG MAJE

Lekala le le ikemetseng la dipatlisiso kgatlhanong le mapodisi la Independent Police Investigative Directorate (IPID), le tsweleditse dipatlisiso. Se se tla morago ga gore banna ba le babedi ba ba neng ba tshwarwa nakwana le go bewa kwa morago ga serori sa mapodisi kwa seteisheneng sa mapodisi sa Morokweng, gaufi le Ganyesa, ba tlhokafale.

Go begwa fa tiragalo e, e diragetse fa masigo a Labobedi a ne a sa. Go ya ka dipego, banna ba ba ne ba tshwerwe nakwana morago ga maitsholo a sa isegeng.

Go begwa fa molelo o ile wa runya kwa morago ga serori se sa sepodisi, mme monna mongwe o dingwaga tsa gagwe di sa itsiweng, one a tlhokafala ka ntlheng ya go hema mosi, fa o mongwe a ile a tabogisetswa kwa bookelong jwa selegae ka dikgobalo tsa go fisiwa ke molelo. Fela go tlhalositswe fa monna o wa dingwaga di le 24, le ene a ile a tlhokafala mo letsatsing la maabane.

Sebueledi sa IPID, Lizzy Shuping are: “Ke nnete, monna o neng a amogetswe kwa bookelo, o ile a tlhokafala. Ba lephata la IPID, ba tsweleditse dipatlisiso.”

taungdailynews@gmail.com

Mopalami o tlhokafetse mo kotsing ya sejanaga mo tseleng ya R378 fa o lebile Morokweng  


Ka OBAKENG MAJE

Monna wa dingwaga di 37 o tlhakafetse mo kotsing ya sejanaga mo tseleng ya R378 fa o lebile kwa motse wa Morokweng, gaufi le Ganyesa, mo letsatsing la Lamatlhatso. Go begwa fa mopalami le mokgweetsi, ba ne ba tsamaya ka sejanaga sa modiro wa Golf 1, mme ba tswa Rustenburg.

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are: “Go begwa fa mokgweetsi wa sejanaga seo, a ile a latlhegela ke taolo morago ga go leka go efoga go thula phologolo nngwe ya naga.

“Go begwa fa sejanaga se ile sa phetoga, mme mopalami a tlhokafala mo lefelong la tiragalo. Go butswe kgetsi ya polao ntle le maikaelelo, mme dipatlisiso di tsweletse. Ga gona ope o tshwerweng mo kgetsing e. Mokgweetsi ene o falotse kotsi ntle le dikgobalo.”

taungdailynews@gmail.com

Monna le mosadi ba shetse mo sejanageng kwa Morokweng


Ka OBAKENG MAJE 

Batho ba le babedi ba shetse mo sejanageng sa modiro wa VW Jetta kwa motseng wa Morokweng, gaufi le Ganyesa, mo letsatsing la maabane. Go begwa fa sepodisi sene sa bilediwa kwa lifelong la tiragalo, mme ba fitlhela sejanaga se tuka. 

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are, tiragalo e ke ya mo letsatsing la Labobedi mo mosong. Van Rooyen are go fitlhetswe motho wa mosadi le monna ba shetse mo sejanageng seo. 

“Monna one a na le dingwaga di le 45, fa mosadi ane ana le dingwaga di le 29. Dipatlisiso tse di bontshang gore tiragalo e, e ka tswa e bakilwe ke eng di tsweletse,” van Rooyen wa tlhalosa. 

taungdailynews@gmail.com