
Ka OBAKENG MAJE
7 Mopitlwe 2025- Kgetsi ya polao kgatlhanong le monna wa kwa motse-setoropong wa Utlwanang, gaufi le Christina, e buseditswe morago go fitlha di 10 Moranang 2025. Molatofadiwa, George “Bees” Kgalaki (50), one a tlhageletse kwa kgotlhatshekelo ya Christiana ka boripana, mabapi le polao.
Se se tla morago ga go bonwa ga setopo sa ga Elizabeth Makanase Tukula (47) kwa matlakaleng, gaufi le lebala la metshameko la kwa Chrisitiana. Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen, setopo sa ga Tukula, se bonwe ke bana fa bane ba tshameka.
Van Rooyen are lekau la ga Tukula, le ile la tshwarwa, mme le tlhageletse kwa kgotlha-tshekelo.
“Setopo sa ga Tukula se bonwe ka Labobedi beke e e fetileng, fela mokola ene o tshwerwe ka Laboraro. Dipatlisiso di supa fa moswi a kgwageditswe ka terata,” van Rooyen wa tlhalosa.
Kgabagare, Kgakali yo o ileng a bolelela lekgotlha gore ene o tla ipuelela mo kgetsi e, one a fetola mogopolo, mme a kopa mmueledi wa puso. Dipatlisiso di tswelela mo kgetsi.
