
Ka REGINALD KANYANE
15 Lwetse 2025- Sepodisi kwa motsesetoropong wa Utlwanang, gaufi le Christiana, se butse kgetsi ya morago ga loso. Se, se tla morago ga gore lesea la dikgwedi di le tharo le tlhokafale.
Go begwa fa lesea le, le tlhokafetse fa le ne le robetse le mmalone (24).
Go ya ka sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone, tiragalo e, ke ya di 9 Lwetse 2025. Mokgwabone are go ile ga bidiwa ba thuso ya potlako, mme ba ile ba netefatsa fa lesea leo le setse le ile boya batho.
Kgabagare, Mokgwabone o ganeditse dipego tsa gore lesea leo le bolailwe ke batsadi ba lone jaaka mafoko a ne a rebotswe ke bangwe ba baagi. Bangwe ba baagi ba ne ba bega fa mmagwe lesea le rralone, ba ile ba le bataganya mo fatshe go fitlhela le tlhokafala.
