
Ka KEDIBONE MOLAETSI
3 Mopitlwe 2025- Lefapha la Katlatlelo-Loago le ikuela go bagodi go ka tsaya karolo mo metshamekong e farologaneng. Go ya ka lefapha, go ikatisa ga bagodi go dira gore ba dule ba itekatse ka nako tsotlhe, ga mmogo le go efoga malwetsi a farologaneng.
Beke e fetileng, bagodi go tswa kwa diporofenseng tse difarologaneng go ralala Afrika Borwa, ba ne ba tsenetse dikgaisano mo metshamekong e farologaneng kwa Rustenburg Civic Centre kwa Rustenburg. Dikgaisano tsa National Active Ageing Programme, di ne di tsweletse kwa Rustenburg, mme setlhopa sa Taung Golden Oldies FC, le sone ene ele karolo ya ditiragalo.
Mokatisi wa setlhopa, Kagiso Wesi, are go botlhokwa go ikatisa le go tsaya karolo mo metshamekong e farologaneng jaaka mogolo. Wesi are le fa metshameko e sa kgona go tswelela ka ntlheng ya dipula tse di maatla, setlhopa sa gagwe se ne se ikatisitse sentle, ebile se le popota.
“Fa e sale re itemogela dipula go tloga ka Moshupulogo. Lefapha le ile la feleletsa le neetse setlhopa sengwe le sengwe sekgele. Ke ka moo re neetsweng sekgele ga mmogo le dimetale. Ke belaela lefapha le dirile se, gore go tla ga bagolo ka kwano, e se nne matsapa a bophiri.
“Setlhopa sa rona se ne se ile go emela sedika sa Dr Ruth Segomotsi Mompati. Re ile ra nna le metshameko ya ikatiso kgatlhanong le ditlhopa tse di farologaneng mo Taung. Go bua nnete, go botlhokwa gore bagolo ba ikatise, gonne seo se thusa gore kgathelelo ya maikutlo e ye kwa tlase,” Wesiw a tlhalosa.
Kgabagare, motsamaise wa nama o sa tshwere wa bosetshaba kwa lefapheng la Katlatlelo-Loago, Peter Netshipale are: “Porogerama e, e tlisa seriti le go tsaya tsia bagolo ba rona. Go ikatisa ga bagolo go botlhokwa, ebile go atolosa le dingwaga tsa bone tsa go tshela. Go ikatisa go ba thusa gore ba dule ba itekanetse.
“Gape re ile ra buisana le bagodi ba ba farologaneng go ka utlwa ntlhakemo ya bone mo matsapeng a ba a itemogelang go tswa kw aba dulang teng. Bagetsho, ra itse gore tshotlakako ya bagodi e ile kwa magoletsa, mme re ikuela go bone gore ba itsise sepodisi.”