






Ka OBAKENG MAJE
23 Phukwi 2025- Dingaka mono Taung di solofetswe go ka tshwara tlhapiso ya ditsela mabapi le dikotsi tse di farologaneng tse di diragetseng. Se, se tla morago ga gore batho ba amege mo dikotsing tsa ditsela fa ba bangwe ba latlhegetswe ke matshelo.
Batho ba le babedi ba ile ba tlhokafala kwa tseleng ya R372 magareng ga Taung le motse wa Mokgareng, fa ba le bane ba ile ba tlhokafala mo tsela-kgolo ya N18 magareng ga Magogong le Hartswater. Mo kotsing e nngwe, mopagami o latlhegetswe ke botshelo mo kotsing ya sejanaga magareng ga Dryharts le Vryburg.
Ka Lamatlhatso o fetileng, Onkgomotse Pona Matlhaku (32), o ile a latlhegelwa ke botshelo mo kotsing ya sejanaga gaufi le circle mo tsela-kgolo ya N18, mono Taung.
Jaanong, modulasetilo wa Traditional Health Practitioner mo kgaolong ya Taung, Mpelegang Magano are: “Mo malobeng re ile ra tsaya matsapa a go kopana le kantorong ya ga majoro wa masepala o mogolwane wa Taung, Tumisang Gaoraelwe. Maitlhomo ele go rulaganya tlhapiso ya ditsela mabapi le dikotsi tse di diragalang mo ditseleng tsa rona go ralala Taung. Re tshwenyegile thata mabapi le dikotsi tse, mme re bone go le botlhokwa gore re ikopanye go ka tlhapisa ditsela.
“Seo se tla dira gore dikotsi di fokotsege, mme o tla gopola gore re tlile ra dira jalo mo nakong e fetileng kwa tsela-kgolo ya N18, gaufi le motsesetoropong wa Pudimoe. Go tlile ga nna le dikotsi tse di etegelang koo, mme dingaka tse di neng di le teng ka nako eo, ba ile ba tsaya tshwetso ya go tlhapisa tsela eo.”
Magano are ba tlile go nna le kopano le kantorong ya ga majoro go akaretsa le ba tsaya karolo ba ba farologaneng.
Maloko a le mane, Mothusiemang Marks Matlhaku (63), Nozimanga Emily Matlhaku (56), Keemetswe Elinah Matlhaku (18) ga mmogo le Mpho Mitchelle Matlhaku (4) ba fitlhilwe ka Lamatlhatso kwa dirapeng tsa baswi tsa kwa motseng wa Mokgareng.
Kgabagare, mogokaganyi kwa kantorong ya ga Gaoraelwe eleng Tebogo Morweng, are ba tlile go nna karolo ya tlhapiso eo ya ditsela, mme ba memile ba tsaya karolo ba ba farologaneng. Morweng are ba solofetse go etela mafelo otlhe a dikotsi di diragetseng go one, mme ba ikuela go baagi go nna karolo ya seo.
“Gape, re tlile go mema le ba masika a otlhe a bashwelwa gore le bone e nne karolo ya ditiragalo,” Morweng wa tlhalosa.
Ditshwantsho: Dikotsi tse di farologaneng go ralala Taung