
Ka BAKANG MOKOTO
22 Tlhakole 2025- Tonakgolo ya porofense ya Bokone Bophirima, Lazarus Mokgosi, are kopano ya bone ya kabinete (EXCO Lekgotla), ene e lekola seemo sa porofense gore se eme fa kae pele ga puo ya gagwe ya porofense ka di 27 Tlhakole 2025. Mokgosi are ba ile ba tsaya ditshwetso kwa kopanong ya bone ya EXCO Lekgotla ka kgwedi ya Diphalane 2024, go ipaakanyetsa ngwaga wa ditshelete wa 2025/2026.
Mokgosi are jaanong ba ne ba kopane go lebelela dithulaganyo tseo gore a di sentse di siame segolo bogolo jang morago ga puo ya mopresidente wa naga (State of the Nation), eleng Cyril Ramaphosa.
“Re batla gore fa kgwedi ya Moranang e simolola, gonne ke yone ngwaga wa ditshelete wa 2025/2026, re be re simolola ka dithulaganyo tseo. Maikaelelo a rona ke go netefatsa fa ditirelo di ya kwa bathung.
“Lekgotla le dumalane fela ka bongwe jwa pelo gore ditlamo tsa puso (SOEs) ga di mo seemong se se siameng. Ke ka moo, tsamaiso ya borataro ya puso (6thadministration), e ile ya thapa setlhopa sa baitsanape ba ba tla seka-sekang seemo seo,” Mokgosi wa tlhalosa.
Mokgosi are setlhopa seo, se setse se ba neetse dikatlenegiso (recommendations). Are seo se tla ba thusa go bona gore ba fetola jang seemo sa ditlamo tseo.
“Re ile ra golaganya pegelo eo le ya kgodiso le tlhabololo ya ikonomi ya porofense (Provincial Growth Development Strategy). Fela, re ile ra dumalana gore e batla go ka seka-sekiwa pele ga e ka tsengwa tirisong.
“Pegelo eo, e tla neela khansele ya ga tonakgolo (Coordinating Council), mme e tla fetisetswa kwa EXCO Lekgotla morago ga moo go e amogela semmuso,” Mokgosi wa tlhalosa.
Kgabagare, Mokgosi are ba amogela gore pula ena ka mokgwa o tsitsibanyang mmele mo porofenseng, mme se se botlhokwa ke gore ba na le Provincial Disaster Management Centre. Are, mokhuduthamaga wa dipuso selegae, kago ya matlo le ditirelo tsa setso, Oageng Molapisi, o ba itsisitse fa dipula tse, di sentse marogo, mme gona le dikago tsa dikolo dingwe tse di weleng.
“Re emetse go amogela pegelo e feletseng. Tota ga gona tekanyetso-kabo e betsweng thoko ya matlhotlhapelo, mme go tla tshwanelwa ke gore re lebelele mo mading a puso a teng gore re samagane le bothata jo,” Mokgosi wa tlhalosa.