Kago ya tsela ya Itireleng e emisitswe mabapi le tlhaelo ya matlole


Ka OBAKENG MAJE

15 Diphalane 2025- Kago ya tsela ya dikilomitara di le 2.5 e golaganyang motse wa Itireleng le tsela kgolo ya N18 mono Taung, e tsweletse go aparelwe ke mathata. Se, se tla morago ga gore badiri ba puaganye tiro ka ntlheng ya go sa duelwe. Go begwa fa badiri ba ba neng ba thapilwe go aga tsela e, ba na le dikgwedi di feta pedi ba sa amogele.

Ene ya re ka ngwaga wa 2023, baagi ba motse wa Itireleng, ba ne ba bolotsa mogwanto, mme ba ikuela gore ba agelwe tsela. Baagi ba, ba ile ba tlhalosa fa tsela ya bone e sa tsamaege segolo bogolo jang ka nako tsa dipula.

Ba ile ba latofatsa masepala o mogolwane wa Taung ka go ruga madi a lekanyediwang go R10 million, mme a ne a betswe thoto go ka aga tsela eo. Fela masepala o ile wa latola fa gone go sena letlole lepe le le neng la beelwa thoko go ka aga tsela eo, gonne ese maikarabelo a bone.

Go ya ka masepala, ene ele maikarabelo a Lefapha La Ditsela Le Dithoto Tsa Setshaba mono Bokone Bophirima go aga tsela eo.

Fela go begwa fa lefapha ga mmogo le masepala o mogolwane wa Taung, ba ile ba tsena mo tumalanong ya go thusana go aga tsela eo.

Kgabagare, sebueledi sa Lefapha La Ditsela Le Dithoto Tsa Setshaba mono Bokone Bophirima, Mmakgori Tong, are lefapha le itemogetse tlhokego ya matlole mabapi le kago e ya tsela. Tong are fela ba leka ka bojotlhe go rarabololo bothata jo.

“Badiri botlhe ba ile ba duelwa kgwedi ya Phatwe. Ga jaana, re tsweletse ka go fetisa dituelo tsa kgwedi ya Lwetse go fitlha ga jaana. Re tlile go duela badiri bao go ya ka dikarolwana tse pedi. Karolo ya ntlha e tla duelwa mo go yone beke e, fa karolo ya bobedi e tla duelwa mo bekeng e e tlang.

“Go le gantsi, dituelo di diriwa dibeke tse pedi tsa ntlha tsa kgwedi. Jaanong, dituelo tsa kgwedi ya Lwetse, di tla konosediwa mo bekeng e e tlang. Lefapha le ile la itsise badiri bao ka thulaganyo e, ebile bangwe ba setse ba bone dituelo tsa bone mo bekeng e e fetileng, fa ba bangwe ba tla amogela dituelo tsa bone mo go yone beke e,” Tong wa tlhalosa. 

Tong are dituelo di tla dula di konosediwa dibeke tse pedi tsa kgwedi e latelang. Tong are lefapha le tla tla ka toga-maano go rarabolola bothata jwa matlole mabapi le kago e ya tsela.

“Fa re setse re konoseditse go tla ka toga-maano, kago e ya tsela e tla tswelela,” Tong wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com