Sepodisi se bega fa setshwantsho sa dintjanyana tse di nang le dipopego tsa motho ese sa nnete


Ka OBAKENG MAJE 

Sepodisi mo Bokone Bophirima se ganeditse dipego tse ditletse-tletseng mo maranyaneng a boitapoloso tse di supang fa gona le ntja nngwe kwa toropong ya Zinniaville, gaufi e Rustenburg, e tsetse dintjanyana tse dinang le dipopego tsa motho. 

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Col Adele Myburgh, go begwa fa dintjanyana tseo di bonwe ke modiri mongwe wa legora (gardener) kwa ntlung nngwe. Myburgh are, mabarebare a, a supa fa mong wa ntlo eo, ele ene rragwe ditjanyana tseo, morago ga go iphanya ka mma tsone. 

“Jaaka sepodisi, re batla go itsise baagi gore ga gona kgetsi epe e tshwanang le e, e e tlileng ya begwa kwa sepodising sa Tlhabane. Jaanong, baagi ba tshwanetse go itse gore dipego tseo ke tsa maaka, ebile ga di na motheo. 

“Re ikuela go baagi go emisa ka go tswelela ba bega dilo tse eseng tsa nnete mo mafaratlhatlheng a boitapoloso. Gape, re kopa ba emise ka go tsamaisa setshwantsho seo sa dintjanyana tseo, gonne ke sa maaka,” Myburgh wa tlhalosa. 

taungdailynews@gmail.com