
Ka REGINALD KANYANE
Kgetsi ya polao kgatlhanong le monna wa dingwaga di le 47, e solofetswe go ka reediwa mo letstatsing la 26 Tlhakole 2024 kwa kgotlha-tshekelo ya Taung. Kabelo Mogongwa o solofetswe go dira kopo ya beile gone mo letsatsing leo.
Go begwa fa Mogongwa a ile a tshwarwa morago ga dipego tsa gore o thuntsitse we la gagwe, Tsholofelo Nde Emphukile (38). Go begwa fa lekawana le le lekgarebe la gagwe, ba ne ba dula botlhe kwa phaphosing e e hirilweng kwa motseng wa Khibitswane, gaufi le Taung.
Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Mokaptein Aaftje Botma, moagisani wa monna o, o ile a tlhalosetsa sepodisi fa baratani ba, ba gorogile ka ura ya bongwe mo mosong, mme go ile ga tsoga kgakgauthano ma gareng ga bone.
“O kaile fa a utlwile modumo wa sethunya. Sepodisi se ile sa biletswa kwa lefelong la tiragalo, mme se ile sa fitlhela moswi mogare ga bophadiphadi jwa madi.
“Sepodisi se ile sa tlhoka gore ba shage burglars gore ba kgone go tsena mo ntlung. Molatofadiwa o ile a tshwarwa, mme one a ganelwa ka beile,” Botma wa tlhalosa.
Kgabagare, sebueledi sa lelapa la moswi, Medupe Emphukile are: “Re utlwisitswe botlhoko ke tiragalo e, mme ga ke itse gore a kgolagano ya moswi le molatofadiwa kgale e na le mathata. Kgale ba dula ba le babedi kwa Khibitswane, mme Tsholofelo ene kgale a tla fela fa etile kwa lapeng kwa Cokonyane.”
taungdailynews@gmail.com