

Ka OBAKENG MAJE
Sepodisi sa mono Taung se tlhalositse fa kgetsi ya kgothoso e e diragetseng fa pele ga lebenkele le le itsegeng la Shoprite, e shutiseditswe kwa lekaleng la The Hawks. Go begwa fa banna ba le bane, ba ba neng ba tlhometse go utlwala, ba ile ba kgothosa sejanaga se se rwalang madi sa Fidelity ka Mosupulogo.
Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone, banna ba ba sa itseweng ba, ba ile ba kgorogela batlhankela ba tshireletso ba setlamo sa Fidelity ba ba neng ba pega mabokoso a le mararo a tsenyang madi mo sejanageng sa bone.
“Go begwa fa banna ba, ba ne ba kgweetsa sejanaga sa modiro wa Volkswagen Tiguan, mme ba ile ba thuntsa le go tlogela mokgweetsi wa sejanaga se se rwalang madi sa Fidelity ka dikgobalo.
“Tiragalo e, ke ya ura ya borobongwe mo mosong kwa toropong ya Taung. Sepodisi se ile sa ragogela teng, mme ba fitlhetse sejanaga se se rwalang madi sena le diphatlha tsa dikolo tsa sethunya. Go begwa fa mokgweetsi wa sejanaga se se rwalang madi a ile a tswa kotsi, morgao ga go thuntsiwa mo legetleng la gagwe la moja,” Mokgwabone wa tlhalosa.
Mokgwabone are, go begwa fa batlhakedi ba ba tshireletso, ba ne ba pega dibokoso tse di senang madi mo sejanageng sa bone fa ba ne ba tlhaselwa. Mokgwabone are, go begwa fa mongwe wa ba belaelwa a ile a tswa kotsi, morago ga go thuntsiwa mo leotong.
“Sepodisi se fitlhetse sejanaga se se neng se dirisiwa ke bo rasethunya ba, se tlogetswe kwa sekgweng ma gareng ga Taung le Hartswater.
“Go bontsha fa babelaelwa ba, ba ile ba tshaba ka mabokoso a le mararo a neng a sena sepe mo teng. Go fitlha ga jaana, ga gona ope o tshwerweng, mme kgetsi e shutiseditswe kwa lephteng la The Hawks,” Mokgwabone wa tlhalosa.