Monna o latlhetswe dingwaga di le 15 kwa kgolegelong mabapi le go bolaya tsala ya gagwe ka mohinyane


Ka REGINALD KANYANE

5 Phatwe 2025- Monna o latlhetswe dingwaga di ke 15 kwa kgolegelong morago ga go bolaya tsala ya gagwe ka mohinyane. Go begwa fa tiragalo e, e diragetse ka di 10 Phatwe 2024, kwa Upington.

Go ya ka sebueledi sa sepodisi kwa sedikeng sa ZF Mgcawu District, Sarasanta Omphile Masegela, molatofadiwa Lrikou Nomgojo wa dingwaga di le 34, one a dutse kwa ntlung ya gagwe ga mmogo le tsala ya gagwe, Lucky Dondolo wa dingwaga di le 36 fa gone go runya kgakgauthano ya mafoko magareng ga bone. Masegela are Nomgojo one a tlhasela moswi, Dondolo ka mohinyane, mme dipaki tse di boneng ka matlho di ile tsa leka go tsereganya, fela Nomgojo one a angwa fela ke tse a di apereng.

“Dipaki tseo, di ile tsa go batlana le thuso, fela mo go boweng ga bona, ba ile ba fitlhela setopo sa ga Dondolo se gogetswe kwa mmileng. Ba ile ba itsise sepodisi ka matlhotlhapelo ano. Molatofadiwa one a tshwarwa le go bonwa molato wa polao.

“Molatofadiwa o ile a atlholelwa dingwaga di le 15 kwa kgolegelong,” Masegela wa tlhalosa.

Kgabagare, mokomishinara wa sepodisi kwa sedikeng sa ZF Mgcawu, Major General Monica Sebili, o akgotse mmatlisisi mo kgetsing eno, Sarasanta Bahedile Nkwadipo go tswa kwa lephateng la sepodisi le le batlisisang dikgetsi tse di tseneletseng tsa bosenyi kwa Upington. Sebili are katlholo e, e bontsha fa babatlisisi ba dikgetsi tsa bosenyi kwa porofenseng ya Kapa Bokone ba ipiditse sehuba mo tirong ya bone le go netefatsa fa bosiamisi bo diragala.

taungdailynews@gmail.com