Kgetsi ya polao kgatlhanong le banna ba le babedi ba kwa Matlhako 2 e buseditswe morago


Ka OBAKENG MAJE

13 Ferikgong 2025- Kgetsi ya polao kgatlhanong le banna ba le babedi ba kwa motseng wa Matlhako 2, gaufi le Pudimoe, e buseditswe morago go fitlha ka di 16 Ferikgong 2025.

Phemelo Maine (40) ga mmogo le Onkemetse Phatlhanyane (27), ba tlhotse ba shadikantse matlho kwa Khotlhatshekelo ya Taung, mme ba lebagane le tatofatso ya go bolaya lekgarebe la dingwaga di le 16, teng kwa Matlhako 2.

Go begwa fa setopo sa ga Boingotlo Makaota, se bonwe kwa lebitleng le le seng boteng kwa nageng kwa motseng wa Matlhako 2 ka Labotlhano. Sepodisi se begile fa Makaota a ka tswa a bolailwe ka Labone bosigo.

Go ya ka moagisani wa Maine, one a utlwa segajaja sa lekgarebe mo bosigong jwa Labone kwa ntlung ya gagwe. Go begwa fa moagisani o, gape a tlhalositse fa a ne a bona Maine ga mmogo le ditsala tsa gagwe ba kgorometsa kereibaye e go bontshang fa ene e pegile sengwe mo teng mo mosong wa Labotlhano.

Sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are: “Sepodisi se ile sa tswa letsholo, mme seo se ile sa lebisa kwa go epololweng ga setopo sa ga Makaota.

“Go begwa fa setopo seo, sene se thatilwe ka kobo, mme moswi one a supiwa ke ba lelapa la gagwe. Dipatlisiso di shupa fa setopo sa ga Makaota, se ne se na le dintho mo tlhogong, mo diropeng ga mmogo le mo maotong.”

Mokgwabone are dipatlisiso di ile tsa bolodiwa kwa lelapeng la ga Maine, mme diaparo tsa moswi di ile tsa fitlhelwa teng. Mokgwabone are, Maine o tshwerwe ka Lamatlhatso morago ga go ineele kwa sepodising.

“Monna o, o ile a isiwa kwa sepodisi ke morwa rragwe, mme one a tshwarwa. Sepodisi se ile sa botsolotsa Phatlhanyane o bonweng a tsamaya le Maine fa a ne a kgorometsa kereibaye, mme le ene o ile a lelelwa ke ditshipi,” Mokgwabone wa tlhalosa.

Mokomishinara wa Sepodisi wa nama o sa tshwere mo Bokone Bophirima, Major General Patrick Asaneng, o kgadile ka bogale tiragalo e. Asaneng are polao eo ya go tlhorontshiwa ga bong e kabo e efogilwe fa baagi ba ne ba le malala-a-laotswe.

Kgabagare, modula-setilo wa mokgatlho wa baagi wa South African National Civic Organisation (SANCO) mo Taung, Joseph Tanyane are: “Re utlwile ka tiragalo eo, mme re tlhabilwe ke ditlhong thata. Re dira boikuelo go makgarebe a atlhogang gore ba itlhokomele thata jang mo makawaneng a tlang kwa morago a.

“Ko bofelo, ba feleletsa ba ba tseela matshelo, mme re ba rotloetsa thata gore ba itlhokomele. Re leboga sepodisi sa rona sa Afrika Borwa gore ka se sebaka ba be ba setse ba tshwere babelaelwa. Ba dira tiro entle go baagi ba rona.

“Re romela matshidiso go ba lelapa la ga Makaota gore ba beye tshotlhe fa pele ga Modimo, gonne ke ene fela o a itseng.”

taungdailynews@gmail.com