Bakgweetsi ba ditekesi ba ngadile renke ya Taung ka ntlheng ya bogodu jo bo diragalang mo go yone


Ka OBAKENG MAJE

Seemo se tlhotse se tswile mo taolong kwa renkeng ya ditekesi ya Taung mo letsatsing la gompieno. Seno se tla morago ga gore bakgweetsi ba ditekesi ba ntshe ditekesi tsa bone kwa renkeng ya Taung, mme ba tlhalose fa ba dira seno gonne, digongwana tsa bosinyi di tsweleditse bosenyi mo renkeng fela sepodisi se itshetse moriti o tsididi.

Go ya ka mongwe wa bakgweetsi ba ditekesi, Isaac Itumeleng are baagi ba kgothosiwa, mme ba tseelwe dilo tsa bone tse ba tswang go di rekang kwa marekelong. Itumeleng are mo godimo ga moo, dilo tse di diriwa ke basimanyana ba ba gogang nyaope.

“Renke ya rona e leswe, mme masepala wa rona o mogolwane wa Taung, ga o e phephafatse. Se sengwe ke gore, boeteledipele jwa rona bo palelwa ke go re direla sentle ga mmogo le sepodisi. Re lobaka re bua le baeteledipele ba rona ba re ba tlhopileng, mme ba dula ba re tshepisa fela ga go diragale sepe.

“Mo dibeleng tse pedi tse di fetileng, re ile ra gwantela kwa seteisheneng sa sepodisi sa Taung, mme sepodisi se ile sa re tshepisa gore se tla re araba mo diureng di le 24,” Itumeleng wa tlhalosa.

Itumeleng are morago ga moo, sepodisi ga se a dira sepe, mme ba tsweletse go mo letsetsang. Itumeleng are jaanong e nna e kare ke ene a tshimolotseng tlhakatlhakano. 

“Ka mokgwa o basimanyana ba ba nyaope ba re nyaditseng ka teng, ba kgona go ya go dira botsotsi mo gare ga toropo, ba be ba siela mo renekeng. Jaanong, sepodisi se tshwaya rona phoso, gonne ba re re sireletsa segongwana se sa disinyi.

“Bare fa basimanyana ba ba tsena mo renkeng, re lotsa melodi le go ba itsise gore mapodisi ke ao. Gape, ba re fa basimanyana ba ba rekisa dilo tse di utswitsweng, ke rona bo ra ditekesi re di rekang. Jaanong, re tlile go tsena fela mo teng ga renke e fa boeteledipele jwa rona bo tshekegetse ditletlebo tsa rona tsebe,” Itumeleng wa tlhalosa.

Mongwe wa batho ba ba tshamekang ditaese kwa renkeng ya ditekesi, Kgakololo Koji are ene ga a na bothata, ebile o ema borra ditekesi nokeng ka go lwa kgatlhanong le bosinyi. Fela Koji o latofaditse bangwe ba bakgweetsi ba ditekesi ka go dirisana le digongwana tsa bosinyi.

“Nna ke tsameka ditaese mo renkeng, mme ka ledinyana leo, ke tlhokomela lelapa laka ka lone. Fela, se se diragalang mo renkeng, ke a se tshegetsa le go se ema nokeng. Mme ke tla go setotobaletsang gore, bangwe ba bakgweetsi ba ditekesi ba letla basimanyana ba ba siele mo gare ga ditekesi tsa bone. Bangwe ba ba kgwetsi, ba reka dilo tse tsa bogodu. 

“Ke nnete, bagolo ba rona ba tseelwa dilo le go tshwarwa poo. Fela, gona le dimutlwa mo gare ga bakgweetsi ba ditekesi,” Koji wa tlhalosa.

Mongwe wa bagwebi-potlana kwa renkeng ya Taung, Themba Maretela are: “Jaaka le rona rele bagwebi-potlana mo renkeng ya Taung, rene re batla go tsenela kopa e ya bakgweetsi ba ditekesi. Re dula re thusana le bone, mme retle ka togamaano ya gore re tla reba jang bothata jo jwa bogodu, ga mmogo le thekiso ya nyaope.

“Fela mo letsatsing la gompieno, ba re leleka mme ga re itse gore bothata ke eng. Ga ke gane gona le batho ba ba rekisang nyaope mo renkeng ya rona ya ditekesi le ba ba utswang. Sebe sa phiri ke gore mo bakgweetsing ba ba ditekesi, gona le ba ba rekang dilo tseo tsa bogodu mo basimanyaneng ba ba nyaope.”

Kgabagare, sebueledi sa lefapha la tshireletsego ya baagi ga mmogo le dipalangwa mo Bokone Bophirima, Lucas Mothibedi ga mmogo le sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Col Adele Myburgh, ga ba boela mo go rona go arabela ditatofatso tse.

taungdailynews@gmail.com