
Ka OBAKENG MAJE
11 Tlhakole 2025- Ditheetso tsa kopo ya beile mo kgetsing ya polao kgatlhanong le banna ba le babedi ba kwa motseng wa Matlhako 2, gaufi le Pudimoe, di solofetswe go tswelela mo letsatsing la gompieno kwa kgotlhatshekelong ya Taung. Balatofadiwa, Phemelo Maine (40) ga mmogo le Okemetse Phatlhanyane (27), ba latofadiwa ka go bolaya Boingotlo Makaota (16).
Go begwa fa setopo sa ga Makaota, se bonwe kwa lebitleng le le seng boteng kwa nageng kwa motseng wa Matlhako 2. Go ya ka moagisani, one a utlwa segajaja sa lekgarebe mo bosigong jwa Labone kwa ntlung ya ga Maine.
Go begwa fa moagisani o, gape a tlhalositse fa a ne a bona Maine ga mmogo le ditsala tsa gagwe ba kgorometsa kereibaye e go bontshang fa ene e pegile sengwe mo teng mo mosong wa Labotlhano.
Sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are: “Sepodisi se ile sa tswa letsholo, mme seo se ile sa lebisa kwa go epololweng ga setopo sa ga Makaota.
“Go begwa fa setopo seo, sene se phuthetswe ka kobo, mme moswi one a supiwa ke ba lelapa la gagwe. Dipatlisiso di shupa fa setopo sa ga Makaota, se ne se na le dintho mo tlhogong, mo diropeng ga mmogo le mo maotong.”
Mokgwabone are dipatlisiso di ile tsa bolodiwa kwa lelapeng la ga Maine, mme diaparo tsa moswi di ile tsa fitlhelwa teng. Mokgwabone are, Maine o tshwerwe ka Lamatlhatso morago ga go ineele kwa sepodising.
“Monna o, o ile a isiwa kwa sepodisi ke morwa rragwe, mme one a tshwarwa. Sepodisi se ile sa botsolotsa Phatlhanyane o bonweng a tsamaya le Maine fa a ne a kgorometsa kereibaye, mme le ene o ile a lelelwa ke ditshipi,” Mokgwabone wa tlhalosa.
Mokomishinara wa Sepodisi wa nama o sa tshwere mo Bokone Bophirima, Major General Patrick Asaneng, o kgadile ka bogale tiragalo e. Asaneng are polao eo ya go tlhorontshiwa ga bong e kabo e efogilwe fa baagi ba ne ba le malala-a-laotswe.
Kgabagare, Maine o ile a ipona molato mabapi le ditatofatso tsotlhe kgatlhanong le ene, mme o solofetswe go ka nguna-nguna seo le mmueledi wa puso. Phatlhanyane ene o setse a inkeme fela ka gore a neelwe beile, mme kopo ya gagwe e ka rediwa fa kgetsi e boela kgotlhatshekelo.