
Ka OBAKENG MAJE
Monna wa dingwaga dile 36 o tsatsankilwe ka thipa go fitlhela a tlhokafala kwa tulong e rekisang nnotagi e e bidiwang Refilwe’s Tavern kwa motseng wa Matlapaneng, gaufi le Taung mo letsatsing la Tshipi.
Go begwa fa Letlhogonolo Macdonald Seleke, a ile a rwalelwa kwa kliniking ya selegae ka ditho tsa go tlhabiwa. Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, mokaptein Sam Tselanyane, ba sepodisi ba ile ba bilediwa kwa kliniking ya Matlapaneng ka ura ya 23:30 ko ba fitlhetseng tiragalo eno.
“Modi wa setshosa seno, ga se o itsiwe, mme dipatlisiso tsa sepodisi di tsweletse. Ga gona ope o o tshwerweng go fitlha ga jaana,” Tselanyane wa tlhalosa.
Go begwa fa Seleke a tlhabilwe ke moagi mongwe wa naga ya boagisane ya Lesotho. Go ya ka dipego, monna o, one a thapilwe jaaka modisa ke mongwe wa baagi gone kwa motseng oo.
Kgabagare, leloko la komiti kwa kgorwaneng ya bosupa yo o ikarabelang ka tsa tshireletsego ya baagi ga mmogo le dithithifatsi kwa motseng wa Mokgareng, Mpelegang Magano o ikuela go batho botlhe ba ba thapileng batswa-kwa, go ka ya go ba bega kwa kgosing. Magano are, seno, se tla thusa sepodisi thata go ka batlana le balatofadiwa ba ba tswa-kwa fa ba dirile ditiragalo tsa mohuta o.
“Tiragalo e e diragetseng e, e botlhoko mme ka maswabi ga se ga ntlha e diragala. Seno ke tlholo-modiro gore baagi ba naga ya boagisane ya Lesotho ba dire diphoso, me fa ba fetsa ba be ba tsena ka lenga la seloko.
“Seno, se dirwa ke gore ga rena maina a bone ka botlalo le gore re tla ba batlela ntlha efe fa ba dirile molato. Jaanong, re ikuela go batho botlhe ba ba thapileng batswa-kwa, go ka ba bega kwa kgosing ya selegae ga mmogo le go tlogela ditokomane tsa bone jaaka lekwalo la mosepele jalo,” Magano wa tlhalosa.
Gape, Magano o ikuetse go basha go ka nna kelo tlhoko ka nako tsotlhe. Magano ar, o ikuela go basha botlhe go ka efoga go ka nna le dikgoga-kgogano fa ba le kwa maitisong ba iphanya ka nnotagi.