
Ka OBAKENG MAJE
24 Diphalane 2025- Sepodisi sa Taung se batlisisa kgetsi ya go thupiwa ka dikgoka. Se se tla morago ga gore baratani e leng Lesego Dorothy Tlhagodi ga mmogo le Phenyo Johannes Mothupi Sere, ba thupiwe ka dikgoka kwa motseng wa Magogong, gaufi le Taung mo mesong ya letsatsi la gompieno.
Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are sepodisi se boloditse dipatlisiso. Mokgwabone are baratani ba, ba ile ba thupiwa ka dikgoka ke babelaelwa ba ba sa itsiweng ka palo mo mesong ya gompieno.
“Mongwe le mongwe o a ka tswang a na le kitso mabapi le tiragalo e, re kopa gore a letsetse sepodisi kgotsa a ye kwa seteisheneng se se gaufi. Tsiboso nngwe le nngwe e tla tsholwa jaaka sephiri,” Mokgwabone wa tlhalosa.
