Mong wa lebenkele o tshwerwe poo kwa Lokaleng


Ka OBAKENG MAJE

26 Phatwe 2025- Sepodisi sa Taung se batlisisa kgetsi ya kgothoso go tlhometswe. Se, se tla morago ga gore mong wa lebenkele wa dingwaga di le 26, a tshwarwe poo kwa motseng wa Lokaleng, gaufi le Taung.

Sebueledi sa sepodisi mo porofenseng ya Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are mong wa lebenkele one a kgorogelwa ke banna ba le bararo, mme ba mo tseela madi a seatleng a sa totobadiwang gore ke bokae.

“Go fitlha ga jaana, ga gona ope o tshwerweng. Fela, kgetsi e butswe mme dipatlisiso di tsweletse,” Mokgwabone wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com