Setopo se se senyegileng sa monna se bonwe kwa mmileng wa Vryburg


Ka OBAKENG MAJE

25 Ngwanatsele 2025- Setopo sa monna se se neng se setse se senyegile se bonwe kwa mmileng kwa motsesetoropong wa Huhudi, gaufi le Vryburg mo letsatsing la maabane. Go begwa fa setopo seo, se le magareng ga dingwaga di le 20 le 30.

Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are go fitlha ga jaana, ga se go itsiwe gore setopo seo ke sa ga mang. Mokgwabone are ga gona ope yo o tshwerweng mabapi le kgang e, fela dipatlisiso di a tswelela.

taungdailynews@gmail.com