
Ka OBAKENG MAJE
Mokgatlho wa badiri wa South African Municipal Workers Union (SAMWU) kwa masepaleng o mogolwane wa Taung, o kaile fa go gaelelwa ga badiri ba masepala kwa Gaborone, Botswana, ele matlhabisa ditlhong. Go ya kwa mokwaledi wa SAMWU kwa masepaleng, Mpho Thompson, badiri ba masepala ba le 66, ene ele karolo ya setlhopha sa metshameko go ya go emela masepala kwa Southern African Inter-Municipal Sports Association Games.
“Re bone molaetsa go tswa kwa badiri ba rona ba masepala ba ba kaileng fa ba gaeletswe, gonne masepala o sa duela borobasogo jo baneng ba robala kwa go jone. Go ya ka badiri ba, batsamaisi ba borobasogo jo, ba ile ba ba amoga makwalo a bone a mosepele (passports), mme ba kaile fa batla a newa fela fa masepala o duetse madi a ba kolotiwang. “Go ya ka ketsi ya rona, madi ao, a lekanyediwa go R400 000, fela masepala o ikaelela go duela R300 000. Jaanong, re ipotsa gore madi a tla salelang kwa morago a tlile go duelwa ke bo mang, gonne badiri bao ba ne ba ile go emela masepala. Ke lekile go letsetsa motsamaisi wa masepala wa nakwana, Adrew Makuapane, mme ga ke a mo fitlhelela,” Thompson wa tlhalosa. O kaile gape fa gona le dipego tsa gore Makuapane, o boleletse badiri bao fa ene tumelo ya gagwe e sa moletle go ka dira sepe, gonne ele letsatsi la Sabatha. Thompson o latofaditse masepala ka go dirisa setlamo se se rulaganyang maeto (Traveling Agency), mme ele sone se bakileng mathata a. “Go begilwe fa setlamo se se rulaganyang maeto se se thapilweng ke masepala ele sone sebakwa sa mathata a, gonne se kaile fela fa se tla duela R300 000. Go ya ka badiri ba ba ne ba dira dipatlisiso mabapi le leeto le, R300 000 ene e lekane, mme go kaiwa fa setlamo se, ke tsentse 30% mo godimo, mme ke ka moo madi ao a feteletse,” Thompson wa tlhalosa. Kgabagare, sebueledi sa masepala, Ricky Oliphant, o boleletse Taung DailyNews fa Makuapane ale mo ditherisanong le baeteledipele ba sepolotiki kwa masepaleng le go tla ka toga-maano a gore madi ao a maroko a kgone go duelwa. “Ke badiri ba le 66 go akaretsa le balekgotlha ba le bane ba ene ele karolo ya leeto le. Madi a ne a betswe kwa thoko go ka dirisiwa mabapi le leeto le, ene ele R300 000. Mo kgannyeng ya gore motsamaisi wa masepala o ganne go thusa, gonne ele letsatsi la Sabatha, Makuapane o tsweletse gotla ka toga-maano le fa ele leloko la Seventh Adventist Domination,” Oliphant wa tlhalosa. Kgabagare, mongwe wa badiri ba ba gaeletsweng kwa Botswana o a sa batleng leina la gagwe le itseng ka ntlheng ya go tshaba go sotlakakiwa are, batsamaisi ba masepala kgale ba goga dinao fa go tshwanetse ba dire dituelo, gonne ba ne ba batla gore ba ye Durban. “Bone ba tsamaisi bao, kgale ba ntse ba sa batle gore duelela, gonne ba ne ba batla go re tsietsa gore re ye Durban. Ebile ba ne ba re tshepisitse o re rekela di tracksuit. Jaanong, seo se bontsha fela fa ele selo sa kabomo seo se dirwang.“Balekgotlha le Raseme-segolo (Chief Whip) ba lwanile ntwa e maswe gore re kgone go tla moo, mme ka maswabi ba ba tsamaisang masepala ga ba reetse. Se se botlhoko ke gore, ga re fa ka ntlheng ya rona, mme re tlile go emela masepala. Jaanong, ga re makala fa se sedirega gonne le fa re tla re tshwere dimetale ga mmogo le dikgele (trophies) ga ba re leboge ka sepe. Rona jaaka badiri ba masepala, ga rena sepe, maswabi ke gore re gopotse ba masika a rona.”

